Moruakgomo wa iphataphatela
25 Jan 2015
Bangwe Batswana ba iteka fela thata go itshetsa ka diatla ba sa ikaega fela ka puso le mananeo a yone.
Mme Thandie Moruakgomo ke mongwe wa bao ba ba sa batleng go direlwa jaaka nama e le batho mo motseng wa Middlepits mo Kgalagadi.
Kwa ntleng ga go itshetsa o ntse o dira tiro e ntle ya go phepafatsa tikologo ya gagwe le go nna le seabe mo go sa latlheng ditsa tlholego.
O dirisa bojang, matlapa, dithito tsa ditlhare go dira mekgabisa e e kgatlhisang.
E rile a le mo potsolotsong le BOPA bosheng a tlhalosa fa maikaelelo a gagwe e le go supegetsa Batswana bomosola jwa dilo tse di mo tikologong ya bone, le gone go ba kgothatsa ka go ikakanyetsa ka fa ba ka fenyang lehuma ka teng. O tlhalositse fa a ne a dira dibeke ka dipolasitiki mme a bona kgwebo e sa tswelele a bona gore a akanye sesha.
O boletse fa a dirisa pente a e boeletsa go nyeletsa boleng jwa logong a bo a gokaganya dikgong tseo ka sekano (glue) go nna selo se le sengwe.
A re ka a santse a le mosha mo kgwebong o rekisetsa fela mo lapeng ka lebaka la go tlhoka lefelo le le faphegileng.
O boletse gape fa a mekgabisa e e rekwa thata ke batho basweu a kaya fa ba bona e le dilo tse dintle tsa setso sa Batswana, ka jalo ba eletsa go nna le dingwe dilo tsa mofuta go supegetsa bana ba bone.
Mme Moruakgomo o boletse fa a isa kgwebo ya gagwe kwa bathong ka go tsena ntlo le ntlwana a e bapatsa.
O rotloeditse morafe go reka mekgabisa ya gagwe ka moo go ntlafatsa matlo a bone le go bo go kgatlhisa.
O buile fa keletso ya gagwe e le gore e re mo dingwageng tse di tlang kgwebo ya gagwe e bo e godile le ene a kgona go ija mofufutso wa phatla.
O ne a tlatsa ka gore o gakolola Batswana go abelana dineo tsa botshelo go supa lorato, kutlwelobotlhoko, le bojammogo mo lefatsheng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keiketlile Kelefhile
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 25 Jan 2015






