Breaking News

Mopalamente o kopa Batswana go tshwaraganela ditlhabololo

25 Jan 2015

Mopalamente wa Mahalapye Bophirima Rre Joseph Molefhe, o akgoletse Batswana ba diphathi tse di farologaneng tsa sepolotiki go itshwara ka maitseo a siamaneg le go tlhopha ka dipalo tse dintsi mo ditlhophong tsa Setshaba tse di neng di tshwerwe ka kgwedi ya Phalane ngogola.

Rre Molefhe yo o tsweletseng le go buisa diphuthego tsa kgotla mo kgaolong ya gagwe, o tlhalositse fa Batswana ba dirisitse tshwanelo ya bone ya go itlhophela mapalamente le makhanselara a nang le boleng ja go emela dikeletso tsa bone kwa diphuthegong tsa palamnete le dikhansele, e bile a bolela fa se Batswana ba se dirileng mo ditlhophong tse di fetileng se supile tsamaiso ya puso ya batho ka batho e meletswang mathe ke mafatshe a mangwe segolo jang a mo Borwa jwa Aferika.

A re e re ka ditlhopho di fetile go mo maruding a Batswana go tshwaraganela go tsamaisa ditlhabololo tsa lefatshe la Botswana mmogo.

Rre Molefhe o tsweletse ka go tlhalosetsa banni ba kgotla ya Herero fa mmuso o seegetse fa tlhoko mogopolo o neng wa bewa Palamente pele wa gore diteme tsa batho ba lefatshe leno di dirisiwe mo seromamoweng sa Botswana le kgang e neng e batla go itse gore ke ka goreng bolwetse jwa tlhako le molomo bo tsweletse ka go jwelelela le mororo bo kentelwa ngwaga le ngwaga ke lephata la Mathoko a leruo.

A re e le Mopalamente wa kgaolo, makhanselara, dikgosi le baeteledipele ba maphata jaaka molaodi le mokwaledi wa Khansele ba tlaa tshwanelwa ke go thulanya ditlhogo go buisana ka seemo sa ditsela tsa Mahalapye, phatlalatso ya metsi mo dikgotlaneng tsa Mowana, Parwe, Ngakaagae, Madiba le Flowertown gammogo le go tsenngwa ga motlakase mo ditseleng tsa mekgwathe.

E rile banni ba Herero ba akgela mo phuthegong eo ba ngongorega ka badiri ba lephata la boipelego ba go bolelwang ba gana go amogela maina a batlhoki ba ba supilweng ke maloko a komiti ya ditlhabololo le mororo batho bao go sena se ba itshetsang ka sone.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ditso Lekoko

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 25 Jan 2015