Breaking News

Ba Sedie ba lela ka lenyora

25 Jan 2015

Kgosana ya kgotla ya Sedie mo Maun Mme Otshwanetse Sedumedi o boletse gore morafe wa kgaolo ya Sedie o na le selelo se segolo sa letlhoko la metsi.

Fa a bua mo phuthegong ya kgotla e tshwerwe ke mopalamente wa Maun Bophirima, Rre Tawana Moremi bosheng, a re go lebaka ba bona go tswa seretse fela mo dipompong tsa bone.

Mme a re le sone seretse seo ba se bona morago ga malatsi a matlhano, a re mme fa go tla kwa dituelong, ditlhwatlhwa di kwa godimo thata. Fa a tlatsa mo dikgannyeng tsa ga Kgosi Sedumedi, modulasetilo wa komiti ya motse ya ditlhabololo Rre Jobe Zanakana o ne a tlhalosa fa ba tlhasetswe ke dinare le ditau.

A re diphologolo tseo ka bobedi di nna le bone mo kgaolong ya Sedie mme a kopa mopalamente gore a ba kopele ba lephata la diphologolo le makgabisa naga go ba tswa thuso ka jaana di le kotsi thata.

Fa a bua ka metsi, a re o kopa gore go dirwe ditshekatsheko tse di tseneletseng ka seemo sa metsi mo kgaolong eo. A re ga se jese diwelang mme e bile a re go sekasekwe thata seemo sa batho ba ba bidiwang bo maipaafela.

Rre Zanakana a re fa gongwe se dirwa ke gore batho ga ba neelwe ditsha ka bonako, mme ba felele ba ipaya ka bobone ka ba tlhokana le bonno.

O kaile fa bangwe ba sale ba tsenya dikopo ka 2006 mme a re le gompieno ga ba ise ba neelwe ditsha, mme a tlhalosa fa go nna le setsha e le selo se se botlhokwa thata mo botshelong jwa motho.

Gape o kopile gore kgotla ya bone e godisiwe gore e kgone go amogela ditsheko tsa dikgotlana tse dingwe tse di ka fa tlase ga yone, seo e le bontlha bongwe jwa go fokotsa mosuke.

A re one mosuke gape o fitlhelwa kwa sekolong se se botlana le se segolwane ka jaana a re kgaolo eo ke kgaolo e e bophara thata.  Rre Zanakana o ne a tlhalosa fa mosuke o dira gore go nne le tlhaelo ya barutabana mo dikoleng tseo le kwa kokelwaneng tota.

A re le one matlo a borutelo a a tlhaela mo ebileng kwa sekoleng se sebotlana bana ba rutelwang kwa ntle, a re seo se diga maduo a bana ka gore fa go le pula bana ga ba tle sekoleng.

O tsweletse a re ba kopa gore ba agelwe sekole se sengwe le go godisa kokelwana ya bone gore e nne ya maemo a segompieno, a tlhalosa fa gompieno e sena le fa e le sone sephiri ka jaana e pitlaganye, gape a re le yone melemo, le didirisiwa tse dingwe di a tlhaela.

Bangwe ba batsena phuthego ba ne ba kopa mopalamente gore a nne ka dinako dingwe a etela kwa dihoteleng go bona gore batho Batswana ba ba berekelang koo ga ba tsewe sentle gotlhelele e bile ba jewa ntsoma, ba re le fa ba re ba ikuela kwa ofising ya phiro mo Maun tota go tshwana fela. Fa a ba kgwa dikgaba, mopalamente Moremi o akgoletse batho ba kgotla ya Sedie go tsaya ditshwetso tse di siameng ka go mo tlhopha mo ditlhophong tse a boletseng fa di ne di le thata.

O ne a tlhalosa fa go sena goromente yo o ka tsamayang a le nosi ka sephathi, a tlatsa ka gore dilo tsa go nna jalo ba ne ba di bona kwa mafatsheng mangwe a a bapileng le leno mo dinakong tse di fetileng.

A re o bona go tshwanela gore a tle go ba akgola ka jaana ba nna le mopalamente wa kganetso mo kgaolong ya bone, mme o ne a ba tlhalosetsa gore ga a tshwanela go bua ka phathi e e busang fela a sa bue ka ya bone.

O ne a ba lekodisa ka tse ba di buileng kwa palamenteng jaaka go shahatsa temo-thuo a re o ka re Batswana ba palelwa ke go ijesa, go ka itirela ga beng gae. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : MAUN

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 25 Jan 2015