Banni ba ledisiwa ke WUC
25 Jan 2015
Puso e gwetlhilwe go boela morago ditumalano tsa go neela koporase ya ditirelo tsa metsi (WUC) boikarabelo jwa go siela Batswana metsi ka e paletswe ke go diragatsa maitlamo a yone.
E rile mo diphuthegong tsa kgotla di buisiwa ke mopalamente wa Ngami, Rre Thato Kwerepe bosheng, banni ba metse ya Gumare, Nokaneng le Tubu ba kgwela botlhoko koporase eo ba re e paletswe ke go ba siela metsi a a phepa jaaka e ne e ba solofeditse.
Ba tsweletse ka go tlhalosa gore fa e sale koporase eo e tsaya boikarabelo jwa go ba siela metsi kgwedi ya Moranang e rogwa ka ngwaga wa 2013, seemo sa metsi se ne sa bifela pele go fitlhelela mo nakong eno.
Banni ba metse eo ba re ka ntata ya metsi a a kgalang kgapetsa-kgapetsa mo metseng ya bone, bangwe ba felela ba a nwa metsi a noka ntswa a sa siamela botsogo jwa bone.
Ba rile, mo nakong eno ba setse ba na le kgwedi go ya go tse pedi ba sa nwe metsi ka ntata ya go kgala ga one mo dipompong.
Mongwe wa dibui, Mme Saywa Mmusi a re e re ka go setse go itshupile fa koporase eo e paletswe ke go diragatsa maitlamo a yone, go a tlhokafala gore puso e emise ditumalano le koporase eo go busetsa tiro mo dikhanseleng.
A re seemo seo se tsere phekelo e sele bogolo jang kwa kokelong ya Gumare kwa balwetse ba tlhokang le one metsi a go nwa dipilisi tota fa go tlhapa go sa buiwe, mo jaanong go nnang le monko o o sa siamang mo kokelong eo ka ntata ya go tlhoka metsi.
“Kwa dikolong, bogolo jang se segolwane sa Okavango le sa Ngethu sa tiro ya diatla, le gone go na le bothata jo bo seng kana ka sepe ka ba sa kgone go ja le go tlhapa, go akarediwa go ya mantlwaneng a boitiketso ka jaana matlwana a a dirisiwang e le a a dirisang metsi,” a tlhalosa jalo.
O tsweletse ka go tlhalosa gore badirela puso ba Modimo le bone ba mo mathateng ka gore bangwe ba patelesega go ya ditirong ba sa tlhapa, kgotsa go ja le gore gape ba patelesege go tlogela tiro go ya go kopa matlwana a boiteketso a a sa diriseng metsi mo malwapeng a batho ka nako ya tiro, selo se se amang maduo a tiro.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Tubu, Rre Odirile Boitshwarelo, a re seemo seo se a tshwenya bogolo jang kwa sekolong le kwa kokelwaneng ka bana ba sa kgone go ja sentle, mme balwetse ba ba sielwang ke baoki dipilisi le bone ba nna le bothata.
Ba kgwetse botlhoko koporase eo ka go tlhoka go itsise setshaba ka bothata jwa metsi gore ba kgone go ipaakanyetsa seemo nako e sale teng.
Banni ba metse eo gape ba ngongoregetse go bo koporase eo e sa ba neele dipampitshana tse di supang selekanyo sa metsi a ba a dirisitseng, mme boemo jwa seo ba lopiwa go duelela kwa pele ntswa ba sa itse gore ba kolota bokae.
Lefa go ntse jalo, bangwe ba re dituelo tsa metsi fa di le teng di nna kwa godimo mo bangwe ba felelang ba ya go ngongorega kwa diofising. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Rebecca Katjimune
Location : GUMARE
Event : Diphuthego tsa kgotla
Date : 25 Jan 2015






