Breaking News

Somarelang nako - Salakae

25 Jan 2015

Mopalamente wa kgaolo ya Ghanzi bokone Rre Noah Salakae o gakolotse badirela puso le banni ba Khurakhura  go tlotla nako ya diphuthego.

Rre Salakae o buile se fa a buisa phuthego tsa Kgotla mo kgotleng ya Khurakhura  le Kgaphamadi, a re se se kgoreletsa go simolola le go tswelela ga di phuthego. 

A re go somarela nako go botlhokwa ka go dira gore dithulaganyo tsotlhe di tsamaye ka fa go neng go rulagantswe ka teng.

E rile a bua ka maikaelelo a diphuthego tsa gagwe a re ke go tla go leboga banni ba Ghanzi go bo ba bone gole botlhokwa gore ba mo tlhophe a ye go ba emela ko palamenteng, a re se se supa tshepo mo go ene e le moeteledipele. 

A re o ba solofetsa gore o amogetse thomo ya bone mme o tla dira tiro ya gagwe ka natla le bonokopila.

Rre Salakae a re o buisa diphuthego tse e le tsela ya go tsaya megopolo le matshwenyego a bone go a isa ko palamenteng e e latelang  jaaka go tlaabo go buiwa segolo jang ka kgaoganyo ya madi a setshaba.

Mopalamente Rre Salakae o kopile banni go boela ko moweng wa go ipelega le go itirela mme ba fokotse go ikaega ka puso ka gore e supile fa e tlhaelelwa ke madi. 

O ba rotloeditse go simolodisa dikoporase ka gore di ka thusa go tlhama ditiro gape di rotloetsa tshwaragano ya morafe gape di ka thusa mo tlhabololong ya matshelo a Batswana ka gore go tla tlhabololo ya motho pele ke gone go bo go tla ya dikago.

Rre Salakae a re o tshwengwa ke dipalo tse di ko godimo tsa baithuti ba ba tlogelang sekolo mo kgaolong ya Ghanzi ka mabaka a a farologaneng a akaretsa boimana, o kopile batsadi go tshwaraganela kgodiso le thuto ya bana le puso ka go nna ba etela dikolo go bona gore bana ba dira jang ko dikolong.

A re puso e tsile ka lenaneo la go busetsa bana ba ba sa fetsang mo dikolong, o kopile batsadi go rotloetsa bana go dirisa tshono eo go boela mo sekolong go ya go feleletsa dithuto tsa bone le go ikoketsa dithuto. 

O rotloeditse batsadi go ya go tlhomamisa gore bana batsere mokento wa thibelo bolwetse jwa kankere mo baneng ba basetsana ba dingwaga tse di simololang ka borobabongwe ka gore kalafi ya kankere e a tura.

Rre Salakae a re o tshwengwa ke tiriso phetelela ya nnotagi mo motseng, a  re se seka tswa se bakiwa ke dipalo tse di ko godimo tsa di shebini mo motseng a re di tsweletse ka go runya gongwe le gongwe fela le mo thoko ga ditsela mme se se baya matselo a batho mo diphatseng tsa go ka thulwa ke dikoloi. 

A re di shebini tse gape di kgoreletsa bana go ithuta ka gantsi go nna go le modumo mo tikologong ya tsone.

A re bojalwa ga bo a siamela botsogo, me gape bo kgoreletsa kagiso mo malwepeng. A re barekisi ba tswanetse go tlotla dinako tse di beilweng tsa thekiso ya bojalwa mme a rotloetsa ba ba eletsang go simolodisa dikgwebo go tla ka metlhale e sele ya dikgwebo ko ntle ga go rekisa bojalwa.

E rile ba kgwa mopalamente dikgwaba banni ba khurakhura Rre Keolopile Dithatho o kopile mopalamente gore sekolo sa Ghanzi sa tiro ya diatla se tlhoka gore se tlhatlhosiwe seemo gore se akaretse dithuto ka bophara mme se kgone go tsaya bana ba kgaolo ya Gantsi ka bontsi e le tsela ya tsholetsa boleng jwa thuto mo kgaolong.

A re motse wa bone o na le diphatha kana ditsha tse di bolegileng di sa dire sepe a re ditsha tse di tshwanetse go fiwa di komiti tsa di tlhabololo tsa metse gore a age mafelo a itloso bodutu e le tsela ya go ngoka bana gore ba seka ba tshamekela mo ditseleng tsa dikoloi le go ngoka banana go tswa mo mafelong a go rekisiwang nnotagi mo go one.

Banni ba ne ba supa ngongorego ka diphologolo tsa naga tse diba jelang leruo, mme ba re fa ba ikuela mo go ba lephata la diphologolo ba re ba di tshose fela ba seka ba di bolaya o ne a supa fa diphologolo di felela di boa gape di tla go baka tshenyo. 

Ba re ba fiwe tletla ya go bolaya diphologolo tseo ka gore di tla ba feletsa leruo.

Mo go tse dingwe banni ba kgotlana ya kgaphamadi ba supile fa e sale ba koporase ya Botswana Housing Cooperation tsaya lefatshe la bone la masimo go aga matlo ka ditumalo tsa gore batla atswiwa kana ba nnelwa masimo amangwe mme nako kgolo ke eno, ba re ba salela ko morago mme ba tlolwa ke mananeo a puso a temo, mme ba kopa mopalamente gore a sale kgang ya bone ko morago ka gore bangwe ba bone ba setse ba tlhokafetse.

E rile ba araba mogolwane go tswa ko lephateng la diphologolo Rre Kabelo Letshope are molao o fa Batswana dithata tsa go tshosa diphologolo mme fa di tswelelela ka go ba senyetsa ba di bolae, a re sebe sa phiri ke gore Batswana ba dirisa molao o botlhatswa ka gore bolaya diphologolo tse sa senyang sepe kana go sena bosupi jwa gore di sentse eng. 

A re diphologolo din a le seabe se se golo mo itsholelong ya lefatshe le mme re tshwanetse go somarelwa.

Mopalamente o ne a solofetsa banni fa autlwile matshwenyego a bone mme o tla a tsaya go a isa ko go ba ba maleba.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lemogang Madumane

Location : GHANZI

Event : Diphuthego tsa kgotla

Date : 25 Jan 2015