Breaking News

Motlobo o ka kgapha banana mo bosuleng

25 Jan 2015

Kgosi Lesupang Mapini wa motse wa Gweta o gakolotse banana go supa kgatlhego tebang le go dirisa motlobo wa dibuka kwa motseng oo.

O buile jalo mo potsolotsong le lekala la dikgang la BOPA bosheng, mme a re mangwe maikaelelo a motlobo wa dibuka ke gone go rotloetsa banana go ikgapha mo ditirong tsa botlhoka tsebe.

A re motlobo wa dibuka gape o ka ba fa lesedi le kitso tebang le maano a go ka itirela dikgwebo kgotsa sengwe se ba tlhabololang matshelo a bone.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Mapini o supile fa a sa itumedisiwe ke go bona bontsi jwa banana mo motseng ba sa kgatlhegele go dirisa motlobo wa dibuka ka jaana ba tsweletse ka go amega mo ditirong tse di rotloetsang botlhoka tsebe.

A re bangwe ba tsweletse ka go dirisa dinotagi, go sa tsena sekolo sentle mo go felelang go dira gore maduo a bone a sekolo a wele tlase le gammogo le tse ko phelelong di ba senyetsang isago.

Go sale foo, Kgosi Mapini o bile a supa gape fa a sa itumedisiwe ke go bona bangwe banana ba sena kgatlhego ya go ka ikopela dithuso tsa madi a banana go ka itshemololela dikgwebo tsa sennela ruri, a re ba fela pelo mme ba felela  ba tsena lenaneo la Ipelegeng ka dipalo tse di kwa godimo.

A re Ipelegeng ga e na bothata, fela banana ba tshwanetse go sekaseka mananeo a mangwe a a ka ba direlang ditiro tsa sennela ruri gore le bone ba kgone go iponela motswedi wa itshetso.

Kgosi Mapini a re le fa banana ba tsenelela lenaneo la Ipelegeng, sengwe se se sa itumediseng ke go bo bangwe sa dire tiro e ba e abetsweng ba le tlhaga fa bangwe ba felela ba gotlhagotlhana le bagolo.

A re go botlhokwa gore banana ba itlharabologelwe, ba dirise mananeo a ba a beilweng fa pele go ka itirela isago e e kgatlhisang, mme a tlatsa ka go gatelela botlhokwa jwa go nna pelotelele ka jaana go se sepe fela se se tlang motlhofo.

Mo go tse dingwe, Kgosi Mapini o boletse fa ba lebanwe ke kgwetlho ya dikereke tse di tsweletseng ka go runya mo motseng, mme a re go setse go na le dikereke tse di farologaneng di feta masome a marataro.

A re dingwe dikereke tse ga di a kwadisiwa ka fa molaong, di fela di tsenela mo malapeng fa tse dingwe tsone di ipeile fela mo sekgweng go se ka fa molaong.

Kgosi Mapini o bile gape a supa fa dingwe dikereke tse di na le seabe go rotloetsa banana boitsholo jo bo sa siamang ka jaana dingwe di tswa masigo gare.

A re bangwe banana, bogolo ba basetsana ba na le go lala ba gobeya masigo ba supa fa ba tswa kerekeng.  Kgosi a re seemo se ga se a siama ka jaana se baya matshelo a bone mo diphatseng gape go  ka rotletsa dikgang tsa petelelo le melato e mengwe e e farologaneng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : GWETA

Event : Potsolotso

Date : 25 Jan 2015