Batsadi ba kgothadiwa go tsaya dikgato tse di maleba
25 Jan 2015
Mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Bonewamang kwa Molepolole Rre Victor Radikgobati o kopile batsadi go dirisanya le go tsaya dikgato tse di maleba fa morutabana a dirile phoso.
Rre Radikgobati o buile se mo phuthegong ya kgotla ee neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Molepolole Borwa Dr Tlamelo Mmatli ka Labotlhano (23/01/2014) kwa kgotleng ya Maulana.
Banni bane ba supa fa ba tshwenntswe ke seemo se barutabana ba dirisang diatla mo boemong jwa thupa go otlhaa bana.
Fa a tsibogela matshwenyego a, Rre Radikgobati a tlhalosa fa gosa letlelesege gore morutabana o ka dirisa diatla go otlhaa ngwana.
A re fa seemo sa go nna jaana se diragetse, e a bo ele phoso ya morutabana mme gole maleba gore a tseelwe dikgato tsa semolao.
“Ga go tlhokahale gore motsadi a tsene ka ntwa ko sekolong”, a gatelela.
O kgothaditse batsadi go bona boeteledipele ba sekolo gore molao o diragadiwe, a tlatsa ka gore fa motsadi aya ka ntwa ko sekolong, bana ba tlaa tsaya gore key one tsamaiso mme a bo ele jaaka fa ba dule mo tseleng.
Mo go tse dingwe, mogokgo o supile fa a tshwentswe ke tebego ya dikago ko sekolong ka di setse di onetse.
O lekodisitse mopalamente le setshaba gore o botabotile ko khansele a kopa thuso ka seemo se mme nako kgolo ke eno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keorapetse Kgomotso
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 25 Jan 2015






