Breaking News

Batlang maano a itshetso-Kwerepe

25 Jan 2015

Mopalamente wa kgaolo ya Ngami, Rre Thato Kwerepe o rotloeditswe banni ba kgaolo ya Nhabe go inaakanya le mehama e mengwe ya itshetso go inamola mo lehumeng le le ba apereng.

E rile a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng ya Gumare, Tubu le Nokaneng, Rre Kwerepe a re e re ka mehama e mengwe e tshwana le ya temo-thuo e santse e haraharilwe ke manokonoko a di tsa tlholego, ke gone ka moo ba tshwanetseng go inaakanya le e mengwe e tshwana le ya go dira makgotla a go dira madi. 

Rre Kwerepe a re mo nakong eno, mohama wa thuo ga o na dipoelo ka ntata ya go tlhagoga kgapetsa-kgapetsa ga bolwetse jwa tlhako le molomo fa mohama wa temo le one o lebanwe ke kgwetlho ya diphologolo tse di senyang mo masimong.

A re ka jalo, go a tlhokafala gore banni ba batle maano a mangwe a masha a itshetso jaaka go gweba ka tsone diphologolo le matlotlo a mangwe a tlholego, a a fitlhelwang mo tikologong ya bone go itshetsa fa puso e santse e tsweletse ka go batla maano a go rarabolola manokonoko a a amileng kgaolo ya bone. 

Mopalamente Kwerepe gape a re banni ba kgaolo ya Nhabe fa ba ka inaakanya le mohama wa bojanala ka go tlhama makgotla, go ka ba tokafaletsa matshelo jaaka go diragala ka banni ba metse mengwe ya Okavango le ya Maun.

“Ga ke re lo seka lwa rua kgotsa lwa lema, mme fela potlakelang mananeo a mangwe a a ka lo ntshang mo lehumeng,” Rre Kwerepe a tlhalosa.

Mopalamente o bile a kopa banni ba metse eo go tsaya tsia dikgakololo tsa ba tepo loapi ka go lema dijwalo tse di sa babalelweng ke mogote o montsi di tshwana le lablab go itepatepanya le seemo sa loapi. 

A re e re ntswa banni ba kgaolo eo ba tlwaetse go lema mmidi fela, ba tshwanetse go fetoga ka lebaka la diphetogo tsa loapi.

E ne e rile pele, banni ba metse eo ba supa puso ka monwana ka go nna maoto a tshupa go nyeletsa bolwetse jwa tlhako le molomo mo kgaolong ya Nhabe, selo se ba beileng kafa mosing.

Ba gwetlhile puso go aga sekganedi kwa terateng e e kgaoganyang leruo le diphologolo go le itsa go kopakopana le dinare tse di bakang bolwetse jwa tlhako le molomo.

Mme ba ne ba tlatsa ka gore ga go ba sologele molemo ka gope go bo ba kentela dikgomo tsa bone bolwetse jwa tlhako le molomo, ntswa morago ga moo di ya go kopana le dinare gape kwa mahudisong ka jaana terata e digilwe ke ditlou.

Lefa go ntse jalo, mongwe wa banni Rre Etsogile Mphoyamodimo o kopile puso go gagamaletsa molao barui ba dikgomo tsa bone di fitlhelwang di sa kentiwa go leka go nyeletsa bolwetse jo ba rileng bo ba fetotse batlhoki ba nta ya tlhogo. 

Legale, ba atile mogopolo wa go tlhama makgotla mme ba kopa go rutuntshiwa mo go tseneletseng gore ba nne le kitso e e tletseng gore e sere mo tsamaong ya nako lekgotla la bone la phutlhama ka ntata ya botlhoka kitso.

E ntse e le mo diphuthegong tseo, Mothusa modulasetilo wa komiti ya balemi-barui, Rre Timothy Samoxa o ne a kopa mopalamente go ya go ba boletsa kwa pusong gore ke eng ditlhwatlhwa tsa matlhabelo a BMC di farologana ntswa e reka mo lefatsheng le le lengwe.

A re ka sekai, kwa matlhabelong a Lobatse, kgomo e rekwa P32.40kg, fa kwa matlhabelong a Francistown e rekwa P23 mme kwa matlhabelong a Maun gone e rekwa P16 kg. 

Bangwe ba ngongoregetse go sa akoleng lenaneo la Nyeletso Lehuma ka ntata ya go tlhoka didirisiwa ntswa ba morago ga thutuntsho ba ne ba solofetse go inamola mo lehumeng, ba bo ba kopa puso go potlakela seo.

Mabapi le molao kakanyetso wa palo ya go tlhamiwa ga dikereke, banni ba dumalanye le palo ya makgolo a mabedi le masome a matlhano kgotsa go feta, ba re dikereke tseo di na le seabe mo go weleng tlase ga maduo a bana ba dikolo ka ba sa kgone go ithuta ka ntata ya dikereke tseo tse di lalang di tlhodiya bosigo jotlhe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Rebecca Katjimune

Location : GUMARE

Event : Diphuthego tsa kgotla

Date : 25 Jan 2015