Breaking News

Borre ba rotloediwa go ithaopela twantsho borukutlhi

22 Jan 2015

Banni ba Palapye ba ikuetse mo mopalamenteng wa bone ebile e le mothusa tona wa thuto le tlhabololo dikitso, Rre Moiseraela Goya ka dipalo tse di sa nametseng tsa borre ba ba ithaopetseng go lwantsha borukuthi (cluster) mo motseng wa bone.

E rile a lekodisa mopalamente, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa dikgotlana tsa di Extension bosheng, Mme Selebaleng Dintwa a re ba tshwentswe thata ke borukuthi jo bo diragalang mo dikgotlaneng tsa bone.

O ne gape a kopa mopalamente go ba thusa go rotloetsa borre go ithaopela go thusa go lwantsha borukuthi ka bontsi e le bomme, le go kopa gore banni ba ba sa tlhabololang ditsha tsa bone go di tlhabolola ka di na le seabe mo go rotloetseng borukutlhi.

Mme Oakantse Taolo moeteledipele wa thwantsho borukuthi are o nale baitlhaopi ba le lesome le botlhano, mm emo go bone ba le lesome le bone e le bomme fa a le mongwe e le rre.

Mme Taolo o ne a gatelela gore ba tlhoka dipalo tsa borre di le mmalwa mo dikgotlaneng tsa bone, ebile ba sa amogelwe sentle ke banni bogolo jang ba extension 1.

O tsweletse a re gantsi o fitlhela borukuthi jo bo diragalang ele jwa go utswiwa ga leruo bogolo jang, dikgomo, dipodi le ditonki, tse di lalang di rekisiwa bosigo jotlhe fa go robetswe mo marekisetsong a bojalwa a mo malwapeng a o fitlhelang a butswe ntleng le diteseletso.

Sub Inspector Rre Motlatsi Montsheng wa sepodise sa Palapye a re ba lephatha la thwantsho borukuthi ke bana ba mapodise, ba ba berekang ga mmogo le bone ba ba tlhokang go tlotliwa.

O ne a kopa banni go amogela ba twantsho borukutlhi mo malwapeng a bone ka e le bone ba thusang go fedisa borukutlhi mo dikgaolong tsa bone, a re ebile ba ka ba tswa thuso ka bonako go nale ba sepodise ka bone ba nna ba tsamaya gaufi le malwapa a bone.

Rre Montsheng a re o itemogetse gore mo Palapye borre ba maoto a tshupa le go itlhaopela lenaneo la thwantsho borukuthi, mm emo ga go ba jese di welang.

E rile a ba kgwa dikgaba mopalamente Rre Moiseraela Goya a re banni ba ba iseng ba tlhabololole ditsha tsa bone ba tshwanetse go tseelwa dikgato tse di maleba ke ba lephata la kabo ditsha. O ne gape a re go bo dipalo tsa borukuthi di golela pele ke ka lebaka la dikgwa tsa ditsha tse di sa tlhabololwang.

Rre Goya o ne a tswelela ka go rotloetsa ba lephata la twantsho borukuthi go seka ba kgobiwa marapo ke gore ga ba amogelwe ke banni mme ba tswelele ka tiro e ntle e ba e dirang go emisa borukuthi.

O supile fa borukuthi bo tshwanetse go emelwa ka dinao ka bo na le seabe mo go emiseng ditlhabololo mo motseng, mme gape a kopa borre go itlhaopela go lwantsha borukuthi ka dipalo tse di kwa godimo.

Rre Goya o ne a lebogela morafe wa gagwe go bo ba mo tlhophile gape go ba emela kwa palamenteng mme a ba tshephisa fa a tla ba direla ka bonatla le boikobo a bereka thata le makhanselara a gagwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mositi Katholo

Location : PALAPYE

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 22 Jan 2015