Banni ba lela ka tiego ya phimolo dikeledi
22 Jan 2015
Banni ba metsi ya Rakops Khumaga kwa kgaolong potlana ya Boteti ba lela ka tiego ya dituelo tsa phimolo dikeledi fa leruo la bone le jelwe ke diphologolo.
Banni ba ntshitse selelo se sa bone kwa diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa boteti Bophirima yo gape e leng Tona wa Dikgaolo le tlhabololo Magae, Rre Slumber Tsogwane kwa metseng eo bosheng.
Banni ba ne ba supa fa ba lephata la diphologolo makgabisa naga ba tsaya sebaka go ba philola dikeledi fa leruo la bone le jelwe ke diphologolo,atlatsa ka gore gape ga ba tsibogele dipego tsa bone selo se ba reng se dira gore fa gongwe bosupi bo felele bo senyegile.
Banni ba bile ba supa faba thorontshiwa ke ditluo tse di ba jelang mo masimong ,bare di dikele di ba jetse masimo,mme le gompieno di setse di simolotse go ba senyetsa.
E rile a araba matshwenyego a bone mogolwane wa lephata la diphologolo makgabisa naga Rre Mmoloki Kepaletswe a tlhalosa fa mabaka a a dirang gore ba ne maoto a tshupa go tsibogela dipego tsa barui ele tlhaelo ya bodiredi mmgo le dikoloi.
Rre Kepaletswe a re gobo ba saletse ko morago mo go phimoleng balemi barui dikeledi ke gore madi a baneng ba file ane a fela ,ka lebaka la dikoketso tsa dituelo tsa phimolo dikeledi.o ba tlhaloseditse gore lebaka legolo le le dirang gore diphologolo di ba senyetse ke go senyega ga terata.
Rre Kepaletswe o ne a ba gakolola gore ba boloke bosupi fa ba jetswe ,a re ga ba duele go sena bosupi,atlatsa ka gore ba seka ba ja leruo lele bolailweng ke diphologolo.O ne a tswelela a ba gakolola go tlhokomela leruo la bone ka go le thathela. O supile fa paakanyo ya terata ele mo lenanaeo la go simololwa ,a bolela fa ba eme ka bone gore ba supe fa ba batla terata e tsamaya teng .
Mogo tse dingwe bane ba supa fa ba tshwengwa ke go tlhoka go ja polase ga leruo la bone, mo bareng go ba kgoreletsa go ba rekisa leruo .Ba bile ba supa koporase ya metsi ka monwana bare e palelwa ke go ba siela metsi e bile ga ba rerise setshaba fa gona le mathata a metsi
Modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Rakops Mme Bashingi Boingotlo o ne a begela mophalamente megopolo ya bone ,a re ba batla lebala la difofane,kgopo ya ditsela tse di fagare ga motse,ofisi ya poso,borogo,ofisi ya molemisi,ba kopa go okeletswa dipalo tsa ipelegeng.
Mothusa modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Khumaga Mme Kesebelwang Goratwang, ene o supile fa ba nale madi akana ka P23 000 mo letloleng ,ba kolotiwang P2 500, matlhoko a bone ele boroka jwa barutabana,motlakase kwa sekoleng,go wediwa ga lerako la kgotla ,go atswiwa ga dikgosana tsa tetanyo.
Mopalamente one a ba lekodisa ka tse di neng tsa buiwa ko palamenteng ,go ntshiwa ga lekgetho mo dijong le didiriwa tsa temo,molawa wa kwadiso ya dikereke, o ka o ne go akantsweng gore palo ee ntseng e dirisiwa ya go kwadisa kereke ka maloko a e lesome e okediwe gona makgolo a mabedi le masome a matlhano go leka go fokotsa seemo sa go runya ga dikereke .
O tsweletse a ba lekodisa ka go atolosiwa ga lenaneo la ditlhabololo NDP10 le areng le atolositswe ka ngwaga ,gore le ye go wela le tebelopele ya lefatshe leno, NDP11 lone e bo le simolola le tebelopele e ncha le lenaneo la gore bana ba seka ba kgoreletso go tswelela le dithuto ,ba ganelwa ka ditlankana tebang le dikoloto tsa sekolo,a re kgang ke gore bana ba neelwe ditlankana tsa bone ,sekoloto ke kgang ya batsadi le sekole.
Mopalamente o ne a re baya go itebaganya go lwantsha HIV/AIDS,thuto, letlhoko la ditiro ,nyeletso lehuma ,go lwantsha tshenyetso sechaba.o ile a ba kgothatsa gore ba seka ba tlhoboga pula ba tswelele ka go baya ditemanyane.
Banni bane ba atla dikgang tse Mopalamente a neng a di ba rolela ba re ,le bone kgang ya dikereke e ba tshwentse bangwe e bile a supa fa palo e e akantsweng le yone ele ko tlase. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Diphuthego Tsa Kgotla
Date : 22 Jan 2015






