Banni ba kopilwe go tshwaraganela ditlhabololo
22 Jan 2015
Mopalamente wa Bobonong, Rre Shaw Kgathi o kopile banni ba kgaolo ya gagwe go beela sepolotiki kwa thoko gore ba kgone go tsweledisa ditlhabololo tsa motse wa bone.
Rre Kgathi o buile seo kwa phuthegong ya kgotla kwa Bobonong ka Labone gore ipapatso ya sepolotiki e fetile, ka jalo motlha o ke wa go tlhabolola le go isa ditlamelo kwa setshabeng.
Rre Kgathi, yo e bileng e le tona wa molao, itshireletso le thokgamo, a re go lebelela le go tseela dilo mo sepolotiking go ka dira gore ditlhabololo di salele kwa morago, a kopa banni gore ba itsese makhanselara, ofisi ya molaodi, khansele le ditlhogo tsa maphata matshwenyego le dikgwetlho tsa bone.
A re ga go a tshwanela gore batho ba emele Tautona, matona a puso kgotsa mopalamente wa kgaolo go mmolelela matshwenyego ntswa go na le bodiredi mo kgaolong jo bo tshwanetseng jwa tswa ka dikarabo le ditharabololo.
Rre Kgathi a re gore kgaolo e tlhabologe, banni ba tshwanetse go baya Bobirwa pele go na le go tsaya dilo ka leitlho la sepolotiki. Fa a ama thulaganyo ya ditlhabololo gore di tsenngwe mo lenaneong la ditlhabololo, a re ditlhabololo di logwa go tswa kwa tlase ke komiti ya ditlhabololo tsa motse.
Tona o supile fa go sa thuse sepe gore setshaba se lope ditlhabololo tse di sa tsenngwang mo lenaneong leo.
O ne a araba kopo ya mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Mme Slyvia Phethu yo o neng a re VDC e kopa dipone kwa dikgotleng tsa Borotsi le Setupung go fokotsa bogodu jo bo golelang pele. Mme Phethu o ne a kopa gape gore motse o o o agelwe lobala lwa metshameko.
Fa a itebaganya le tse dingwe a re o tshwenngwa ke seemo se se maswe sa ditsela tse di setseng di fetogile mesima e bile ditlhare di sa rengwe ntswa madi a go dira jalo a le teng.
Rre Kgathi o lekodisitse banni ka kago ya borogo jwa Platjan kwa nokeng ya Limpopo gore bo tlaa dirwa fa khampani e e maleba e sena go bonwa, a supa fa madi a go dira borogo a le teng.
O supile fa go aga borogo mo nokeng eo go tlhokega boitseanape jo bo kwa godimo mme go lebega go se na khamphani e e nang le boitseanape jo lefatsheng leno. Fa a itebaganya le kgang ya molelwane wa Mmamabaka a re puso e emetse Zimbabwe ka molelwane e le ditumalano magareng ga mafatshe a mabedi.
Mopalamente o boleletse banni fa e tlaa re mo bogaufing lekgetho la Value Added Tax le ntshiwe mo dijong tse; boupi jwa borotho, borotho, raese, setampa, mashi, merogo le maungo go tokafaletsa sethaba botshelo.
Fa ba mo kgwa dikgaba, banni ba ntshitse matshwenyego ka baoki ba kokelo ya Bobonong ba re ba a ba itlhokomolosa fa ba ile go itekodisa e bile ba kgona go ba tlogela mo meleng.
Banni ba supa gape fa bontsi bo paletswe ke go lema ka beng ba diterekere ba lopa tuelo mme tona a ba kgothatsa go tsaya madi a bone fa beng ba duelwa ke puso.
Rre Kgathi a re ga go ope yo o dirisang ISPAAD yo o tshwanetseng go lopa tuelo kwa pele mme a kopa banni go bolelela balemisi fa ba saena. BOPA
Source : BOPA
Author : Goratileone Kgwadu
Location : BOBONONG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 22 Jan 2015






