Breaking News

Thuto ke boikarabelo jwa botlhe

22 Jan 2015

Mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane, Rre Ngaka Ngaka o gwetlhile batsadi ba metse ya Khekhenye le Tshwaane go ema ka dinao go tsenya letsogo mo thutong ya bana ba bone ka e le yone e ka tsogang e ba buletse dikgoro tsa botshelo.

Fa a bua kwa diphuthegong tsa kgotla kwa metseng eo jaaka a le mo loetong la gagwe go buisa diphuthego, Rre Ngaka a re gore bana ba nne le bokamoso jo bo itumedisang, ke fela fa ba ka bona kemonokeng go tswa mo matlhakoreng ka bobedi,e leng go tswa mo botsading le kwa sekolong.

Rre Ngaka a re o tshwentswe thata ke kwelotlase ya maduo a lokwalo lwa bosupa a ngwaga o o fetileng mo dikolong dingwe tsa kgaolo ya gagwe,mme a supa fa a itemogetse fa se se bakiwa ke go bo batsadi bangwe ba phuthile diatla mme ba beile tsotlhe mo barutabaneng.

O tlhaloseditse banni bao gore ga go na ka fa seemo sa thuto se ka tokafalang ka teng fa ba sa tseye boikarabelo jwa go tshwaraganela thuto le barutabana, ka jalo a ba gwetlha go supa kemonokeng ka go lekola dibuka tsa bana le gone go tsenelela diphuthego tsa batsadi le barutabana.

Mopalamente Ngaka o gateletse botlhokwa jwa kgodiso ya ngwana e e siameng.A re go botlhokwa thata gore batsadi ba rute bana maitsholo a a amogelesegang ba sale babotlana,a supa fa bana bangwe ba dira ditiro tse di ba senyetsang bokamoso ka gonne ba tlhokile kgakololo e e maleba ba sale bannye.

Go ntse go le foo,Rre Ngaka o akgotse barutabana le batsadi ba baithuti ba sekolo se sebotlana sa Tshwaane go bo ba nnile le seabe mo maduong a sekolo seo,a kaya fa maduo a mantle ao a supa fa go na le tshwaragano ya ba-na-le seabe botlhe mo sekolong. Sekolo seo se ne sa tsaya maduo a ntlha mo kgaolong eo ka 89,5% mo maduong a ‘A,B le C.

Mopalamente o ne a itlama gore o tla rekela sekole se se tla gaisang tse dingwe ngwaga le ngwaga kopi le madi a a ka tshwarang P1000 mo maitekong a go nna le tlhotloetso mo dikoleng tsa kgaolo ya gagwe.

Monni mongwe wa Tshwaane, mme Gakebotlhalefe Sengawane a re tirisano e e renang magareng ga bone le barutabana ke yone e dirang gore sekolo se ntshe maduo a a nametsang.A re gantsi batsadi ba netefatsa gore ba tsenelela diphuthego tsa sekolo go tswa ka maano a go fedisa dikgwetlho tsa bana.

Mme Sengawane a re ntswa bana ba dira sentle kwa sekolong se sebotlana sa motse oo,maduo a bone gantsi a wela tlase fa ba fetela kwa sekolong se segolwane sa Mahupu kwa Takatokwane.A re sekolo seo se lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya dijo le mosuke o o ko godimo dilo tse kgoreletsang baithuti go ithuta sentle.

Fa a araba dingongora,mopalamente Ngaka o supile fa go agiwa ga sekolo se segolwane sa Ngware go tla fokotsa mosuke wa baithuti kwa dikoleng tsa Mahupu se se kwa Takatokwane le sa Lempu kwa Salajwe.A re ntswa dithulaganyo tsa go agiwa ga sekolo di ise di simologe seo se tla diragala fa madi a bonala. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : LETLHAKENG

Event : Diphuthego Tsa Kgotla

Date : 22 Jan 2015