Maano a botshelo ga a site
22 Jan 2015
Bomme mo kgotleng ya Mokgalo kwa Molepolole ba ipopile go tlhama mokgatlho Mosadi o Ruta Mosadi go leka go itshetsa.
E rile mo potsolotsong bosheng motshwara madi wa mokgatlho, Mme Kgakgamatso Koobonye, a tlhalosa fa mokgatlho o tlhamilwe ka ngwaga wa 2012. O tlhalositse fa ba tlhamile mokgatlho o ele bomme baba sa berekeng ba gwetlhiwa ke go reketla ga botshelo.
Go tlhalositswe fa leano la go tlhama mokgatlho le dule ka Mme Sylvia Kgosiemang ebile ele morulaganyi mo mokgatlhong. Mme Koobonye a re ka palo ba ne bale bantsinyana mme bangwe ba tloga batswa mo mokgatlhong ka mabaka a dikgwetlho tsa botshelo.
Mme Koobonye o tlhalositse fa leina Mosadi o Ruta Mosadi bale tlhophile ka e ne ere fa ba kopane ba fane maano le dikgakololo tsa go itshetsa.
A re ba ne ba simolotse ba apeela ko malwapeng a bone, ba rekisa mo thoko ga tsela ba rekisetsa gape le babereki ba Ipelegeng. O rile ba ne ba tloga ba ikopanya le bo-mmaboipelego ba kopa dithuso mogo bone, ka ebile molao osa letle gore bane ba ka apeela mo lwapeng.
O tlhalositse gore bane ba thusiwa ka pane ee apayang borotho (oven), setofo sa gase sa matshego a mabedi, mochine yoo dubang borotho, ditafole tse pedi, ga mmogo le motshine yoo tlhatlegang metsi le madi a P4 000, go simolodisa.
Mme Koobonye o tlhalositse fa kgwetlho e tona e ba kopanang le yone ele gosa bona bareki.
O buile gape gore mo dipoelong tsa bone, ba boloka madi a P50 mo leltoleng mme a mangwe ba ikamogedise.
Ere ka gotwe “Dikgomo tsa mafisa o di gama o lebile tsela,” A re ba eletsa go ikagela madirelo a e leng a bone mo nakong ee tlang.
Mokgatlho o wa Mosadi o ruta Mosadi, madirelo a teng a nanakwana a mo Mmolepolole Cummuniy Center. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thandie Keitumetse
Location : MOLEPOLOLE
Event : Potsolotso
Date : 22 Jan 2015






