Ba batla tsela ya PhitshaneMabule
22 Jan 2015
Banni ba Mabule mo kgaolong ya botlhophi ya Good Hope-Mabule ba boleletse mopalamente wa kgaolo ya bone gore ba batla tlhaloso e e maleba ka tiego ya go dirwa ga tsela e e gokaganyang motse wa bone le Phitshane Molopo.
Ba buile seo kwa phuthegong ya kgotla ka Mosupologo e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo, Rre James Mathokgwane.
Fa a fa tekodiso, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Kentse Molaodi o tlhaloseditse mopalamente fa go fetile dingwaga di le mmalwa ba ntse ba kopile go direlwa tsela ya sekonotere go tswa kwa Phitshane Molopo mme ditsholohetso di felela di sa diragadiwa mme ba tlhalosa fa se se ba kokonela.
Mo go tse dingwe ba supile gape fa ba amilwe ke letlhoko la metsi mo kgaolong ka jaana ba nosiwa ke sediba se se kwa motseng wa Sekhutlane se ba tlhalosang se sa lekane go nosa metse e mebedi le loruo.
Ka jalo ba kopa mopalamente go ba sekasekela gore ba thuse ka ditlamelo go katololelwa letamo la morafe gore ba tle ba kgone go nosa loruo la bone go na le go kgaogana le bone metsi a a tshwanetseng go dirisiwa mo malapeng.
Ba ne ba kopa gore ba thusiwe ka go okelediwa kokelwana ya gamogo le bodiredi kwa kokelwaneng ka jaana mooki yo a le teng a sa kgone go thusa mosuke wa batho a le nosi.
Fa a tswelela o ne a kopa mopalamente gore a ba thuse gore sekolo se segolwane sa motse wa bone se se amogelang bana ba mophato wa ntlha go ya kwa go ya borarao se atolosiwe go nna se segolwane go hema gore bana ba isiwe kgakala kwa Goodhope mme a tlatsa ka gore matlo a borobalo a bana ba sekolo a okediwe ka go na le tlhaelo.
Ba ne gape ba kopa gore ba atolosetswe motlakase mo motseng le gore palo ya babereki ba ipelegeng e okediwe go se gonene gore ba tle ba kgone go fefosa ditirelo tsa motse.
Fa a tswa la gagwe Rre Mathokgwane o ne a ba tlhalosetsa fa a itse ka seemo sa tsela ya Phitshane/Mabule e a tlhalositsenmg fa a e setse morago ka jaana a ne a botsa tona yo o maleba wa ditsela ka tselaeo.
O tlahositse fa tsela e ne ya tshwanelwa ke go dirwa moalo o mosha o o neng o solofetswe go wediwa ka Sedimonthle ngogola mme thulaganyo ya tshimolodiso ya go dira tsela e tla a solofelwa mo kgweding ya ngwaga o mosha wa madi. O tlhalositse fa go setse go abetswe kompone tiro ya go dira tsela eo mme a tlhalosa fa ba kaile ba santse ba letetse teseletso ya go epa mmu o o lekgarapana.
O ne a ba sedimosetsa fa tsela eo e ntsheditswe madi ke banka ya lefatshe ka jalo a ba solofetsa go nna ka tsholofelo ka jaana kgang ya moruthutha ya tsela e tla a robalelwa ke ditlhokwa.
Mo go tse dingwe mopalemente o kaile fa seemo sa metsi mo kgaolo se santse se tshwennya mme ka jalo goromente a ne a leka go fefosa seemo sa sekolo se segolwane mo kagolo sa Goodhope.
O tlhalositse fa sekolo seo se na le bana ba le 2 300 mme a tlhalosa fa letlhoko la metsi se baya matshelo a bana mo diphatseng ka jaaan ene ya re ngogola ba tlhaselwa ke letshololo ka ntlha ya go tlhoka metsi mo tikologong.
Mopalamente o tlhalositse fa baitseanpe ba kgonne go lemoga fa diphaephe tse di fetisang metsi di ne di siaamen ka jalo a tlhaolsa fa tiro ya go babakanya e tsweletse.
Mo go tse dingwe mopalamente o ne a ba tlhalosetsa fa kgang ya go aga molelwane mo kgaolong ya bone o santse o sekasekwa ke goromente wa Botswana le lefatshe la Aferika Borwa. O ne a tlatsa ka go kopa morafe go fa bagodi tlhokomelo e e maleba ka jaana ba nnile le seabe se tona mo go godiseng itsholeleo ya lefatshe leno.
Ka jalo a ba solofetsa fa ba tla a nna ba sielwa tee le dikuku ka nako ya fa ba ile go amogelwa madi a bagodi kwa diposong gammogo le go ba rekela ditilo tse ba tla a di dirisang kwa diphuthegong tsa kgotla.
Fa a tswelela o ne a gwetlha banana go dirisa mananeo a puso e a tlhomileng go ba thusa go inamola mo lehumeng. O tlhalositse fa ofisi ya kagolo ya mopalamente e tlhomilwe go thusa banana ka ditirelo dipe fela tse di amanag o simolola dikgwebo.
Mo go tsa thuto Rre Mathokgwane o supile fa maduo a kgaolo e se a a itumedisang ka jalo a gwetlha batsadi go tshwaraganela thuto ya bana le barutabana. O ne a tlhalosa fa a tlile go simolodisa dikgaisano tsa dikolo mo kgaolong ka go ba abela kopi e e tla amoganwa ke ba ba gaisitseng ba bangwe gammogo le dimpho e le tsela nngwe ya go nosetsa mowa wa thuto mo baithuting ba kgaolo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : LOBATSE
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 22 Jan 2015






