Dikgosana ga di itumedisiwe ke dikatso
22 Jan 2015
Dikgosana tsa tetlanyo mo kgaolong ya Nkange tsa re madi a dikatso a di a amogelang a mannye ebile a fitilwe ke tiro e ba e dirang.
Ba ntshitse boikuelo jwa bone mo bokopanong jwa bone le Tona wa Pereko le Selegae, Rre Edwin Batshu, kwa Tutume ka Labotlhano.
Ba boletse fa tiro e ntsi e dirwa ke bone ka batho ba feta ka bone pele ba ka ya kwa kgotleng e tona, ba re gape dikgang ka bontsi di kgona go rarabololwa ke bone kana go letlanngwa ke bone.
Kgosi Morgan Kenalemang wa kgotla ya Timbi a re ka thulaganyo, ba tshwanetse go theogela malatsi a mabedi mo bekeng, mme seo ga se diragale ka batho ba nna ba batla thuso ya bone nako le nako, ka jalo ba nna ba le fa kgotleng letsatsi le letsatsi go thusa batho.
A re lentswa madi ao a le mannye, ba ne ba kopa gore le bone e le dikgosi tsa tetlanyo ba thapiwe go nna babereki ba sennela ruri gore le bone ba tle ba akole dikatso tse di bonwang ke badirelapuso tse di tshwanang le madi a pension fa ba setse ba tlogetse tiro ka bogodi.
Ba ile gape ba ngongorega ka melawana ya ditsheko tsa Setswana ba re ba e neelwa fela ba sa e tlhalosidiwe, mme e le yone e ba e dirisang go otlhaya badira melato. A re seo se ba ketefaletsa tiro ka ebile gape e kwadilwe ka sekgoa.
Kgosi Alphonse Nsala wa Tutume, o ne a tlatsa ka gore le ba ba tlhongwang go nna dikgosi ga ba isiwe ikatisong go ba suga gore ba itse tiro, a re tiro ya bogosi e masisi bogolo jang fa go tla mo dikgang tsa ditsheko ka di batla motho a tlhaloganya a na le kitso ka tsamaiso.
Dikgosi di ne gape di ne tsa supa ba lephata la kgaso ba re ga ba tsibogele diphuthego tsa mopalamente wa kgaolo lentswa a le tona. Ba re seo ga se ba itumedise ka ba akanya fa kgaolo ya bone e sa tsewe tsia.
Fa a tsibogela mangwe a matshwenyego a dikgosi, Tona Batshu o ile a ba kopa go bopa lekgotlana la dikgosana gore ba kgone go nna lentswe le le lengwe.
Mothusa molaodi wa kgaolo potlana ya Tutume, Rre Kabelo Tshekiso o ba boleletse fa a lemogile go nna le phatlha fa gare ga babereki ba dikgotla le dikgosi a ba kopa go bereka ba le mmogo le go nna ba kopa dithuso kwa ofising ya gagwe kana khansele ka ba wela mo lephateng le le lengwe.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Buyendasi
Location : TUTUME
Event : Bokopano jwa tona le dikgosi tsa tetlanyo
Date : 22 Jan 2015






