Lephata le bolotsa letsholo la kankere
22 Jan 2015
Ba lephata la botsogo mo kgaolong ya Serowe batla bolotsa letsholo la thibelo kankere ya molomo wa polelo.
Se se tlhalositswe ke mogolwane wa sepatela sa Sekgoma, Mme Nthompe Chimidza mo phuthegong ya kgotla ka Labobedi, kwa kgotleng ya Konyana le Tshikinyega kwa Serowe.
Fa a bua kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Serowe Bokone, Rre Kgotla Autlwetse, Mme Chimiza o tlhalositse fa letsholo le le itebagantse le basetsana ba dingwaga tse diboferabongwe go tsena mo go tse lesome le boraro ba ba kwa dikolong tse di potlana.
A re tumelo ke gore bana ba ngwaga tse, ba tsena kwa dikolong tse dipotlana mme bsetsana ba ngwaga tseo ba ba sa tseneng dikolo batla a ya kwa sepateleng go tsaya mokento o. O tlhalositse fa letsholo leo letla simolola kgwedi e e tlang ele malatsi a le masome a mabedi le boraro go ya kwa go ele masome a mabedi le boferabobedi.
A re etla a re mogaro ga kgwedi tse thataro basetsana bao batsee mokento oo gape, la bobedi. Mo go tse di amang maduo a ditlhathobo tsa kankere ya molomo wa popelo Mme Chimiza a re puso e dirile ka bojothe go fefosa maduo ao, a supa fa mo nakong eno maduo a ba ba ithathobilweng ka Morule ngogola a setse a le teng.O ne a kopa ba ba tla a tlang go tsaya maduo go tla motshegare gore ba fe balwetse nako ya go thusiwa phakela.
Mo go tse dingwe tse di amang botsogo,Mooki wa balwetse ba thaloganyo,Mme Malebogo Motsokono o ne a gakolola ba ba imileng go iphapha bojalweng .Mme Motsokono o ne a kgala a sa kwe mathe banna ba a reng ba dirisa basadi ba ba nang le bolwetse jwa tlhaloganyo bothaswa bosigo.
“Motshegare ke ba ga Mma-Motsokono,bosigo ke basadi,ebile ba felela ba ima le go tsenwa ke mogare wa HIV.” A tlhalosa
O ne a kopa morafhe gore ba tshwanetse go rurufatsa gore balwetse ba thaloganyo ba tsaya kalafi sentle,o ne gape a ba rotloetsa go ba oka fela jaaka molwetse yo o nang le bokoa mo mmeleng.O ne a gatelala gore ga go kgonafale gore balwetse ba thaloganyo bothe banne kwa Sepateleng ka ditlamelo di thaela jaaka fa ba robalang teng.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : SEROWE
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 22 Jan 2015






