Breaking News

Banana ba Matlapana ba emela motse ka dinao

22 Jan 2015

Ka Setswana se re mokoduwe go tsoswa o itsosang, banana ba kgotla ya Matlapana ba eme ka dinao ka go nna le maitlamo a go tsenya letsogo mo ditlhabololong tsa motse.

Mo potsolotsong bosheng, modulasetilo wa lenaneo le Rre Oarabile Johannes, a re ke lantlha mo ditsong go nna le lenaneo la mohuta o fa e sa kgotla eo e tlhomiwa.

A re ba ikemiseditse go tsaya malebela mo metseng e mengwe lefatshe ka bophara, go lebagana le dikgwetlho tse di amang banana di tshwana le letlhoko la ditiro ga mmogo le go tlhabolola matshelo a bone.

O ne a tlatsa ka gore ditalente tsa banana ga di felele gope ntateng ya gore ga gona thotoetso le bogakolodi jo bo lolameng, ka jalo ba tla itebaganya le dikgang tsa go tshwana le tseo mme a tlhalosa gore ba tla dira ka bojotlhe gore lenaneo le atlege.

Fa a ntsha la gagwe, Mokhanselara wa kgaolo eo Rre Bathoni Poloko a re ka jaanong e le ene moeteledipele, o tla dira go tlala diatla gore lenaneo le le bone phatlha ya mafulo a matalana.

Le fa go ntse jalo, Mokhanselara Poloko o ne a ngongoregela boitshwaro jwa bana ba kgotla eo ka dinotagi a re seemo se tsere phekelo e sele.A re banana ba itlhobogile e bile ba fedile tshepo ka go sena se ba se dirang, ka jalo ba tletse mo mebileng.

O ne a bo a tlatsa ka gore fa mokgatlho e le ruri o ka atlega, banana ba tla kgona go ithusa ka mananeo a puso ba tlhabolole matshelo a bone.A re se tshwarwa ke ntja pedi ga se thata mme o ne a kopa botsadi jwa motse go ema banana nokeng gore ba tle ba kgone go ya golo gongwe.

O ne a gakolola banni ba motse gore mongwe le mongwe yo o batlang kgakololo epe fela, a itse fa dikgoro di butswe bile a tla ba amogela ka tsoo-pedi.

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Jennifer Merafhe

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 22 Jan 2015