Breaking News

Modulasetilo o kopa gore dikatlholo di gagamadiwe

21 Jan 2015

Banni ba Kopong ba kopile puso go tseela batho ba ba senyang ditsatlholego dikgato tse di gagametseng fela jaaka magodu a diphologolo.

Fa a bua mo phuthegong ya kgotla e neng e buisiwa ka mopalamente wa kgaolo ya Lentsweletau/Mmopane, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Seboka Bonno a re batho ba tsweletse ka epa motlhaba, konkoreite le tse dingwe ba sena diteseletso.

Matshwenyego a mangwe a modulasetilo a buileng ka one ke leswe le a boletseng fa le latlhelwa gongwe le gongwe  mo tikologong e bile le leswafatsa tikologo le motse wa bone.

Rre Bonno o bile a  kopa gore go seka sekwe sesha molao o otlhayang batho ba ba leswafatsang tikologo ka jaana go lebega fa dikatlholo tse di teng dile motlhofo .

A re lentswa motse wa bone o itsege ka bophepa monongwaga batla jelwa matshwao  ka dilo tse ba senang taolo mogo tsone jaaka matlotla ,ditilo le ditafole tse di sa dirisiweng kwa dikolong tsa di potlana tsa motse oo.

A re ba batshwenngwa ke bommamathwane mo dikolong tse dipotlana a tlhalosa fa monko wa leswe la bone o le diphatsa fela thata mo baithuting le barutabana.

Mo dikgannyeng tse dingwe batho ba Kopong ba boleletse mopalamente fa motse wa bone  o golela ntlheng ya Gakuto  mme ba kopa go agelwa sekolo sa boraro ka jaana gona le bana ba bantsi ba ba batswang kwa Sasakwe a re seo setla fokotsa mosuke o teng mo dikolong.

Selelo se se ke letlhoko la metsi le gore ditanaka tse dinosang motse wa bone di dinnye ba kopa gore diokediwe ka motse le one o godile.

Fa a tsibogela matshwenyego a bone a metsi mogolwane go tswa kwa lephateng la metsi Mme Boitumelo Kgaodi ene o tlhalositse fa ba tshwaragane le tiro e tona ya go tokafatsa seemo sa mealo ya metsi le go atolosa ditanka tse di teng tse dinosang motse oo.

Fela o rile batshwenngwa ka kafa metsi a sa gorogeng sentle mo motseng gotswa kwa phaepheng e tswang kwa Sasakwe ka ntata ya tshenyo e dirwang ke baruakgomo bangwe ba ba senyang phaephe eo ka maikaelelo a go nosa leruo la bone.

O tlholositse gape fa batla baakanya phaephe a isang metsi ko Kopong west ka go lebega fa le yone ele tshesane.

Mo tekodisong ya gagwe mopalamente o rotloeditse batho ba dikgaolo tseo go dira dithotho tse di nang le tlhwatlhwa gore puso e tle e direke mo go bone a bolela fa mafatshe a tlhabologileng a simolotse jalo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Dinah Mfulwane

Location : KOPONG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 21 Jan 2015