Breaking News

Banni ba lela ka temo ya ditselana

21 Jan 2015

Banni ba Matshumo mo kgaolong potlana ya Boteti ba lela ka lenaneo la go lema ka ditselana.

Ba re le mororo dipula tsa mono ngwaga dile boutsana lenaneo la go lema ka ditselana le lone le nniile le seabe se segolo, mme ba kgoreletsegile go lema ka ntata ya tlhaelo ya digogi.

Ba ntshitse selelo sa bone kwa diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa bone, Rre Sethomo Lelatisitse bosheng. Banni ba boletse fa ba sa kgona go lema ka lebaka la tlhaelo ya ditereke le go lopa madi a peeletso ke beng ba diterekere.

Rre Goitumetsemang Masenya ene o supile gore ga ba kgona go lema ka lebaka la lenaneo la go lema ka ditselana , are ba kabo ba filwe dingwaganyana go le ipaakanyetsa,o bile a re ga ba jesiwe diwelang ke bogodu jwa leruo , le areng le jelwa kwa Letlhakane.

Banni bare ba kopa gore tsela ya Mmatshumo/Mosu go tsena kwa kgorong ya mathoko a leruo ya Thalamabele e tsengwe sekontere, le ya Mmathumo Thabatshukudu le Gweta e baakangwe.

Mopalamente o ne a lebogela tlhopho le mo boemong jwa ga Tautona ,a re jaanong puso e bopile se se setseng ke go tsweledisa mananeo le ditlhabololo.o bile a ba lekodisa ka tse di buileng ko palamenteng ee fitileng ,tse diakaretsa go ntshiwa ga lekgetho mo dijo le mo didirisiwe tsa temo.

O ba tlhaloseditse ka thulaganyo ya gore go sene le ngwana ope yo o ganelwang ka setakana ka go bo a kolota sekole, a re thulaganyo ke gore bana ba neele ditankana ,batsadi batla sala ba buisa le sekole gore batla duela dikoloto jang.

O buile gape ka molawana kakanyetso wa dikereke, gore ka puso itshwetse ke dintwa tsa go thubega ga dikereke ,le go gola ga tsone go okediwe dipalo tsa maloko aka kwadisang kereke, gotswa mo go lesome gona makgolo a mabedi le masome a matlhano.

O boletse gore lenaneo la ditlhabololo NDP10 le atolositswe ka ngwaga gore go wediwe ditlhabololo tse dineng disaletse ko morago ,le gore le wele le tebelopele ya lefatshe leno,la NDP11 le bo le simolola le tebelopelo e ncha.

Mopalamente o ne a akgola barutabana ba sekole se se botlana sa Mmatshumo, mmogo le batsadi ka maduo a amantle a sekole sa bone, a a reng a supa fa batsadi ba tshwaraganetse thuto ya bana ba bone le barutabana.O ne gape gakolola banni gore Tona wa Temothuo o rotloetsa balemi ba ditonki go lema ka ditselana.

Rre Lelatisitswe o ne a gakolola batho ba ba thusitsweng ka mananeo a puso go a tlhokomela ,a re ga ba ka ke ba thusiwa gape ka go thusiwa ba bangwe ba ba kopileng.

Rre matshwenyego Baganetseng o atile malawana wa dikereke ,a re ba tshwengwa ke batswakwa ba ba reng ke baruti ,ba tsietsa Batswana ba gweba ka leina la boruti, ba dirisa bana ba basetsana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : LETLHAKANE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 21 Jan 2015