Breaking News

Banana ba iphitlha ka monwana

21 Jan 2015

Tona wa Ditsha le Matlo, Rre Prince Maele, a re ga a itumedisiwe ke banana ba kgaolo ya Lerala/ Maunatlala ba ba sa tsibogeleng go tsaya mananeo a ba a diretsweng ke puso go itshetsa.

Fa a buisa diphuthego mo metseng ya Tswapong bokone bosheng, Rre Maele o boletse fa go le gantsi banana ba ntsha mabaka a a lolea a gore ke eng ba sa tsee mananeo a bone mme seo e le maipato fela a go sa batleng go dira se puso e se ba kopang.

Rre Maele yo ebileng gape e le mopalamente wa Lerala/ Maunatlala a re gangwe le gape banana bogolo jang ba kgaolo ya gagwe ba ntsha mabaka a tshwana le a gore dipampiri tse di tladiwang fa ba ikopela mananeo di ba retelela go di tlatsa fa bangwe ba kgona go ntsha mabaka a gore ga ba na madi a dipalamo mme seo se supa fa ba sa tlhoafala.

A re o lekile ka bojotlhe jo a ka bo kgonang go neela banana ba kgaolo ya gagwe tsotlhe tse ba neng ba di kopa di tshwana le go ba neela madi a dipalamo le gone go ba batlela thuso ya go tlatsa dipampiri tsa ikopelo ya mananeo a banana mme maiteko otlhe a retela.

Rre Maele o boletse fa banana ba kgaolo ya Lerala/Maunatlala ba le maoto a tshupa go ikopela mananeo a bone mme seo se sa itumedise ka puso e ba lekela ka e dirile mananeo a le mokawana a a itebagantseng le bone.

O ne a ikuela mo bananeng go tsibogela mananeo a bone ka e se a sennelaruri. A re go na le mananeo a a kileng a nna mme Batswana bangwe ba santse ba batla a boela ka ba ne ba nna maoto a tshupa a santse a le mo tirisong.

O boletse fa mo nakong ya gompieno mananeo ao a nnile le nako ya one mme a tloga a emisiwa ga simolola a mangwe.

Mo go tse dingwe Rre Maele o ne a rolela banni mafoko a ga Tautona a tekodiso ya setshaba. A re Tautona o ne a bolela fa itsholelo ya lefatshe leno e tokafala mme go sa ree gore e setse e le mo seemong se e neng e le mo go sone pele ga kwelotlase ya itsholelo.

A re mo go tse dingwe Tautona o ne a re o tshwentswe ke letlhoko la ditiro mo lefatsheng leno mme puso e tla a dira ka bojotlhe gore Batswana ba ba sa boneng ditiro ba kgone go di bona kana ba bone mo ba ka itshetsang ka gone.

O tsweletse a re ga a robatswe ke kgang ya motlakase o o iseng o tsene mo metseng e le meraro e akaretsa Moremi, Mokungwane le Manaledi mo kgaolong ya gagwe. A re ga go ise go nne le thulaganyo e e leng teng ya gore go tla a tsenngwa motlakase mo metseng eo mme o tla a kopana le tona o o lebaganeng le kgang e go bona gore go ya pele go ka dirwa jang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Diphuthego tsa kgotla

Date : 21 Jan 2015