Bogogi bo gagamatsa setoropo
21 Jan 2015
Kgosi ya Chanoga kwa kgaolong ya Ngamiland, Kgosi Goateng Setlhodi o boleletse banni ba Mawana fa bogosi bo tsere tswetsho ya go gagamatsa setoropo mabapi le maiteko a bone a go lwantsha borukutlhi mo kgaolong.
A re ba lemogile fa borukutlhi bo golela pele mo kgaolong ya bone ka jalo ba itshwaragantse le ba sepodisi go tla ka methale e mesha ya go bo lwantsha.
O ne a bua jalo a tsibogela matshwenyego a banni mo phuthegong ya kgotla e e neng e busiwa ke mopalamente wa kgaolo, Rre Kosta Markusn a supa fa ba lemogile gore katlholo e le nosi ga e kake ya fema borukutlhi.
Kgosi Setlhodi a re ba dumalane ka bongwe fela jwa pelo go tsenya thuto mo banning ka jaana bana ba bone e le bone ba amegang thata mo dikgannyeng tsa borukutlhi.
A re fa banni ba belaela mongwe gore o ka tswa a na le seabe mo ditirong tsa borukutlhi ba begele bogogi jwa motse mme motho yoo o tla bidiwa kea kgotleng a kgalemelwe nako e sa le teng a tlatsa ka gore kgaelmo eo e tlla bo e se kotlhao mme ele go mo tsibosa fela ka ditlamoarago tsa go ikamanya le borukutlhi.
A re batshwenyegile thata ka seemo sa borukutlhi se se ipheleng maatla bogolo jang jwa go utswa leruo le go lwa ka dilo tse di borai jaaka dithipana le ditlhobolo. Kgosi Setlhodi a re go nogomola pelo go bona batsadi bangwe ba rotloetsa borukutlhi ka jaana ba amogela dilo tsa bogodu fa bana batla ka tsone.
O kopile banni go fetola maitsholo a bone gore ba kgone go fenya ntwa kgatlhanong le borukutlhi. Kgosi o ikuetse mo batsading go tlhokomela le go kgalemela bana ba bone ka ba ipeletsa kgolegelo ka ditiro tsa bone.
O tlhalositse gape fa ramapodise a mo tlhaloseditse fa tlahelo ya dikoloi e apere kgaolo yotlhe mme seo se dire madiadia go tsibogela dikgang fa banni ba repotile. A re mapodise o ne a teng e bile ba solofeditswe fa a tla okediwa mme sebe segolo ke dipalamo gore ba dire tiro ya bone ka botlalo.
E ne e rile go le pele banni ba itela ka borukutlhi jwa leruo ba re ba setse ba iphotlhere fela ka bantho bangwe ba ba amoga dithoto tsa bone ka bodipa.
Ba re dilalome tseo di a ba lwantsha fa tse dingwe di ba tshosetsa mme ba kopa gore bogolo ba thusiwe ka mapodise a baithaopi go ba fema seemo ka matshelo a bone a le mo diphatseng.
Banni ba ne ba ikuela gape ka tshwenyo mo masimong a bone e e bakiwang ke dikgomo. Ba re fa ba lebisa beng ba dikgomo tseo kgang ba ba tshosetsa. Fa a tsibogela dikgang tseo kgosi o boletse fa balemi bas a bege dikgang tsa tshenyo ya dikgomo a tlatsa ka gore fa bosupi bo le teng dikgang tseo ga di tseye nako go rarabololwa.
A re e re ba lebanwe ke kgwetlho ya dipalamo ba leka ka bojotlhe go dirisa tsa boen gore ba thuse bangongoregi ka nako. Mo dikagnnyeng tse dingwe banni ba ne ba lela ka lenyora ba supa fa ba nwa mo nokeng mme metsi a teng a sa siamela botsogo jwa bone ka go nwa sengwe le sengwe teng.
Mopalamente Rre Markus o ne a supa fa go sa tshwanela go nwa mo nokeng mme a ba solofetsa fa a tla sala kagng eo morago le ba koporase ya metse go a bogolo ba ka seke ba ba siele ka dikoloi.
Fa a bua ka borukutlhi o kopile botsadi go tsaya karolo mo go lwantsheng borukutlhi a re mapodise a ka se kgone a le nosi. Le ene o ne a tlatsa mafoko a ga kgosi a gore batsadi ba ele bana ba bone tlhko ka e le bone ba amgeng thata mo ditirong tsa borukutlhi.
Rre Markus a re ba emise go amogela dithoto tsa bogodu mme ba latedise gore ngwana o di tsaya kae a re ka go dira jalo ba ka kgona go hema borukutlhi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 21 Jan 2015






