Breaking News

Dikgaisano tsa ga Tautona di fetola matshelo

21 Jan 2015

Morago ga go tlhoka go itewa letsogo le go tshela ka go sela dikoropo ha le hale mme Mashee Thingongi yo o dingwaga tse masome a mane yo o nang le bana ba le bane ebile a santse a nna le botsadi jwa gagwe o ile a utlwalela lenaneo la ga tautona la balogi ba ditlatlana a kgatlhega fela thata mme go simololeng letsatsi leo ga a ka a leba kwa morago a gatela pele.

Dikgaisano tse tsa ga tautona tsa ngwaga le ngwaga dina le dikarolo tse di farologaneng tsa bodiragatsi le yone ya balogi ba diteko e le mo teng. Se e ne e le go rotloetsa bo mme ba balogi le ba ba rutoetsegang go kabakanya ithsolelo ka tiro ya diata. 

Go lemosegile gore bontsi jwa banni ba Okavango ba itshetsa ka tiro ya diatla ka jalo dikgaisano gape dib a fa monyeta wa go ipapaletsa theko e botoka. “Ke mologi wa ditekoebile ke mogwe wa maloko a ngwao boswa a bogologolo, lenaneo le le mphithela ke ntse ke loga” ga tlhalosa Mashee. 

Mme Mashee o bile a tlhalosa gore ka ngwaga wa 2011 morago ga gore mme mongwe yo o neng a direla mo lephateng la banana metshameko lengwao a ba lekole ko ngwao boswa a ba itsesi ka lenaneo la balogi ga a ka a itsapa. “ke ile ka loga diteko tsame tse di ntsereng  tsereng dikgwedi tse boherabobedi go di fetsa di ile tsa tsenelela dikgaisano tsa malatsi a tautona mme mo go tsone tse nne ke ile ka boelwa ke madi a kanang ka P17,400” ga bou mme mashee. 

“Go tsweng mo ngwageng o ke etsileng ka dikgaisano tseo ga ke a tlolwa ke ngwaga ope ke ile ka di fenya ka ngwaga wa 2012 mme seteko same se se ngwefela sa ikgapela madi a kanang ka P15,000.00 le madi a go se rekisa ha godimo, ka ngwaga wa 2013 ka bona P7000” mashee a tswelela.

 “Mono moga ga dira go swelela ka ke ne ke setse ke a utlule motane, ke ne ke setse ke itiretse dilo di le mmalwa ke rekile dikgomo ebile le tsenya bo ngwanake le bo ngwana ngwanake sekolo. 

Ke ne ke logile diteko di le tharo mme mo go tsone ka bona P25,000.00 mo go se se golwane se se latelang P18,000.00 se sennye ka bona P1,500.00” ga bua Mme Mashee ka boitumelo jo bogolo.  “Pele diteko tsame di ne di rekwa ke bafiti ba tsela ka madi a kwa tlase fela thata, yo o neng a le botoka e ne e le rre malcom wa ko etsha o ne a reka ka bo P200, e ne e le go direla go reka phaletshe hela” Mashee a leba ko morago.

Mme mashee are madi a a fetotse botshelo jwa gagwe fela thata ka o ne a nna le batsadi a pitagane le bana ba gagwe, mo bogompienong o kaya fa madi a mo dirile morui yo o ikaelelang go pega dikgomo motsing BMC e rekang mo kgaolong. 

O bile are o setse a bone setsha a aga ntlo e nnenga sanke a lora ka yone ebile o emisitswe go gokelela motakase le go goga metsi ke lephata la kabo ditsha. 

“ Nna ga ke a tsena sekolo gotlhelele mme ka keletso ya thuto le go itse sekgoa ke bone go tshwanela gore ke ikwadise ko gaegolelwe ebile ke bala lekwalo la ntlha” Mme Mashee a supa thotoetsego e kgolo. “ Ka ngwaga wa 2012 fa ke sena go fenya mo dikgaisanong tsa ga tautong seteko same se ile sa tshwanelwa ke gore se tsamae ka mme mongwe go ya mahatsheng ka nna ke ne ke sa itse sekgoa, selo se se nkutwisitseng bothoko fela thata. Mme ke bata go fetola seo ngwaga o tlang fan ka fenya key a go kgona go tsamaya ka same ka ke thuto gaegolelwe e nthusitse fela thata” ga bua Mashee.

Mme Mashee are o ile a bona mmaraka ko America mme o rometse diteko tsa gagwe ga bedi ga raro mme a toga a babalelwa ke ditlhwatlhwa tsa go gorosa diteko tsa gagwe ko America. Mme o bua gore ga a ithobogela ruri are o santse a bata go lomaganya gore ke a dire jang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mercy Sauzoo

Location : GUMARE

Event : Potsolotso

Date : 21 Jan 2015