Wa o esi ga o ele - Lelatisitswe
20 Jan 2015
Mopalamente wa kgaolo ya Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe o kopile makhanselara, magosi, badirelapuso, dikomiti tsa motse le morafe go tshwaraganela ditlhabololo.
E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Letlhakane bosheng a tlhalosa gore megopolo ya bone ke yone e ka tsisang ditlhabololo mo motseng, a tlatsa ka gore ene ka esi ga a kake a kgona kgaolo.
Mopalamente o ne a ba lekodisa ka tse di builweng kwa palamenteng, a re go supafala gore kwelotlase ya itsholelo e a tokafala, ka jalo a rotloetsa banni go dirisa mananeo a puso go intsha mo lehumeng.
O ba tlhaloseditse gore palamente e dumalane gore go seka ga tlhola go nna le ngwaga ope yo o siiwang ke dithuto ka lebaka la go ganelwa ka setlankana tebang le sekoloto sa sekole.
A re go dumalanwe gore ngwana a neelwe setlankana sa gagwe, sekoloto se tla sala e le kgang ya batsadi le sekole. O tladitse ka go re kgang e ga e reye gore batsadi ba ikgatholose go duelela bana sekole.
Rre Lelatisitswe o ne a tlhalosetsa ka tshwetso e e tserweng kwa palamenteng ya go ntshiwa ga lekgetho la VAT mo dijong le didirisiwa tsa temo e le tsela nngwe ya go fokoletsa Batswana manokonoko a go tura ga dijo.
O boletse fa lenaneo la ditlhabololo la NDP10 le okeditswe ka ngwaga gore ditlhabololo tse di neng di saletse kwa morago ka mabaka a kwelotlase ya itsholelo di tsweledisiwe le gore le ye go wela le tebelopele ya lefatshe leno, morago go simololwe NDP11 le tebelopele e ntsha ka 2017.
Banni ba ne ba ngongorega ka kgang ya go agelwa kokelo ba re ba ne ba solofeditswe. Mongwe wa banni ba Letlhakane, Mme Gomontlemang Maphane o supile fa tona wa pele wa botsogo, Mme Sheila Tluo a ne a boletse gore madi a teng a a ka ba agelang kokelo.
A re morago ba hakgamala yo a neng a mo tlhatlhama, Tona John Seakgosing ene a tsile a e latola. Rre Meshack Thanke o supile fa matshwenyego a bone a matona e le gore kokelo e e leng teng ga e a lekana kgaolo ya Boteti Botlhaba, a tlatsa ka go re ditlamelo le tsone ga di a lekana.
O ne a kopa Mopalamente go isa selelo sa bone kwa go ba ba lebaneng. Rre Sharp Letileng ene o supile gore motse wa bone o saletse kwa morago ka ditlhabololo. A re ba kopa dipone tsa mo mekgwatheng, go tsenyediwa sekontere mo ditseleng tse di fa gare ga motse, diofisi tsa sepodise, le tokafatso ya kgopho ya metsi a a leswe.
Mopalamente o ne a ba kopa gore ba mo eme nokeng mo kgannyeng ya gore Letlhakane e nne motse setoropo. Ka kgang ya kokelo mopalamente o ne a ba tlhalosetsa gore ga e yo mo lenaneong la ditlhabololo NDP10.
O ne a ba solofetsa gore matshwenyego a bone ga a felele mo go ene, o tlaa a isa kwa go ba ba lebaneng. O ne gape a rotloetsa banana go thusa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) ka megopolo e ka yone ba ka tlhabololang Letlhakane.
Mothusa modulasetilo wa khansele potlana ya Boteti, Rre Molemi Galeragwe o ne a tlhalosa gore matshwenyego a bone bontsi ba leka go a tsenya mo lenaneong la ditlhabololo ba thusiwa ke VDC. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 20 Jan 2015






