Keorapetse o leboga batlhophi
20 Jan 2015
Mopalamente wa Selebi Phikwe Bophirima, Rre Dithapelo Keorapetse o lebogile batlhophi ba kgaolo ya Selebi Phikwe Botlhaba go bo ba nnile le tshepho mo go ene go ka emela dikeletso tsa bone kwa palamenteng.
E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Kagiso a tlhalosa gore maitlamo a gagwe ke go bereka ka natla, a tshwaragane le badiri ka ene kwa khanseleng, batlhophi, badirelapuso le mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Nonofo Molefhi go tlhabolola toropo.
Rre Keorapetse o tlhalositse gore tshwaragano ya ba-na-le seabe ka go farologana ke yone e e ka ntshang maduo mo maitlamong a go tlhabolola kgaolo le go bona ditirelo ka nako go sa kgathalesege gore ba tswa mo diphathing tse di farologaneng.
Erile a ba tsibosa ka tse di amang palamente, a tlhalosa gore palamente e tsere tshwetso ya gore khamphani ya Stock Exchange e ikemele ka nosi gore ditirelo tsa yone di tle di tokafale.
Mo go tse dingwe a re dijo dingwe di tshwana boupi jwa borotho di tlaa bo di sa duelelwe lekgetho la VAT go akaretsa ditshipi tse di dirisiwang mo go tsa temo jaaka dipolantere.
Mopalamente o ne gape a tlhalosa gore go tlaa nna le ditlhabololo tse di tlaa tswelelang di dirwa tse di neng di tshwanetse go dirwa ka lenaneo la ditogamaano tsa ditlhabololo la NDP10, mme a kopa setshaba go ntsha megopolo go bona gore ke di fe tse go ka tswelelwang ka tsone mo ngwageng ono wa madi.
Rre Keorapetse o ne a solofetsa setshaba gore khamphani e e tlaa bong e apaya ditshipi e tsweletse mme go solofelwa gore e bo e ka thapa badiri ba le makgolo mararo go ya kwa go makgolo a matlhano.
Mo go tse di amang motshine o o tlaa bong o apaya merogo le masika a one, o ne a tlhalosa gore le gone Batswana ba ka nona pelo ka kgatelopele e a bonala ka matshine o setse o gorogile mme tsholofelo e le gore o simolole tiro ka Motsheganong.
E rile ba akgwa mopalamente dikgaba mongwe wa banni, Rre Godfrey Mbaiwa a kopa gore mopalamente a emele kgang ya maemelo a dipalamo tsa setshaba ka dinao le kokelo.
Mo go tsa thuto o ne a tlhalosa gore sekole se sebotlana sa Joseph Enderson se amogela bana ba ba tshelang le bogole mme ba se na ditlamelo tse di ba lebaganeng mo Selebi Phikwe, a tlhalosa gore ba bone thuso ke gore ba bo ba ya Francistown.
A re go tlhokafala gore go nne le lefelo la ba-na-le bogole mo Selebi Phikwe.
Rre Neo Madome o ne a bua a sa kgwe mathe ka dikole tse di ikemetseng a re ga di na boleng le barutuntshi ba tsone ba se na dithuto tse di tlhokafalang go ka tlhatlhelela baithuti.
O ne a tladiwa ke Rre Nametsegang Ntopo ka go re dithuto tse ba di neelwang ga di tsamaelane le se se tlhokwang ke bahiri mme se se raya gore puso e latlhela madi a mantis mo motlhobodikeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 20 Jan 2015






