Lenaneo la go thusa sepodisi le molemo
20 Jan 2015
Sub Inspector Theressa Ntusa wa sepodisi sa Molepolole a re banni bangwe ba motse oo, ga ba amogele lenaneo la go thusa-mapodise (cluster policing).
O ne a tlhalosa fa e bile bangwe ba ba se nang seabe mo lenaneong ba bitsa batsaya karolo malope a mapodisi. O buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe bosheng ke mopalamente wa Molepolole Bokone, Rre Mahummad Khan.
O kopile setshaba go amogela lenaneo le e bile a tlhalositse fa le le botlhokwa thata ka e bile le thusa ka ipabalelo mo malwapeng a bone.
Mme Ntusa o buile gape gore lenaneo le le ruta batho ka ntebela-ke-go-lebele, mo e leng gore baagisanyi ba lebelela yo mongwe lolwapa fa a sa ntse a ile go tlhola temo kgotsa loruo kwa masimo. O tlhalositse gore go ne ga simolodisiwa lenaneo la phala e e ka dirisiwang mo go tlhabeng mokgosi fa motho a tlhasetswe ke magodu, bogolo jang bosigo.
O ne a gakolola morafe gore ba ithekele diphala gape ba bo ba ithulaganya ka fa ba ka letsang diphala ka teng fa ba tlhaba mokgosi gore baagisanyi ba tle ba tlhaloganye sentle gore phala e lediwa ke mongwe ka bone.
Go tlhalositswe gore lenaneo la boithaopi jwa sepodise le botlhokwa thata ka gape le ruta batho go baya didirisiwa sentle mo malwapeng go itsa gore dirukutlhi di ka di dirisa.
Sub Inspector Ntusa o ne a gakolola batsadi go ela tlhoko metsamao ya bana, e seng gore go nne bosigo fela motsadi a bona gore ngwana ga a ise a goroge mo lwapeng.
Mme Georginah Muchando go tswa kwa ofising ya tsa tokafatso matshelo, le ene o ne a gakolola batsadi gore e re fa ba ya go tlhola temo kwa masimo, ba tlogele bana le batlhokomedi go itsa go tswa mo taolong ga bana ka Motswana a rile thotana e se nang khudu-tlou boo lobeto ba iipha naga’.
Mme Ntua o gakolotse setshaba go netefatsa gore ba itse ka tsa semolao go itsa ketsaetsego, jalo se baka se dira ka go etela diofisi tsa sepodise. BOKHUTLO
Source : bopa
Author : Thandie Keitumetse
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 20 Jan 2015






