Breaking News

Morwamosu o tlhaelelwa ke bodiredi

20 Jan 2015

Banni ba Morwamosu mo kgaolong ya Jwaneng-Mabutsane ba boleletse mopalamente wa bone, Rre Shawn Ntlhaile, fa motse wa bone o na le kgwetlho e tona ya tlhaelo ya bodiredi jwa sepodisi.

E rile ba bua kwa phuthegong ya kgotla bosheng, ba tlhalosa fa ba sa akole ditlamelo tsa puso ka botlalo ka jaana bodiredi bo tlhaela. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo Rre Russian Gakeolope o boletse fa mo nakong e e fetileng ba ne ba na le mapodise a le mararo, mme mo bogompienong ba setse ka ba le babedi.

A re ere ka jaana motse o tsweletse ka go gola le borukutlhi bo oketsega, ba tlhoka mapodise a mangwe a mabedi a maemo a constable le special constable. A re seemo se ga se jese diwelang ka jaana mapodisi a a leng teng a imelwa ke tiro, mme dirukutlhi di felele di itirela boithatelo.

Mongwe wa banni ba motse oo Rre Nkong Tawana le ene o ne a bua a sa kgwe mathe ka go gola ga borukutlhi jo bo bakiwang ke tlhaelo ya mapodise. Le fa go ntse jalo, o supile fa dikgwetlho tse ba kopanang le tsone ele morafe mo gongwe go dirwa ke boitseme jwa sepodise.

A re ere ntswa ba amogela gore go na le dikgwetlho di tshwana le go tlhaela ga dikoloi le tse dingwe, mapodise le one a setse a bone maikgotlho a go tlhoka go thusa setshaba mo go kgotsofatsang. 

O boletse fa seemo sa go nna jaana se le borai ka jaana batho bangwe ba feletsa ba itseetse molao mo diatleng ka ntata ya tiego ya dithuso tsa sepodise.

Erile a tsibogela dikgang tse, Inspector Kumbani Machaya a kopa morafe gore o seka wa itsapela go bega dikgang kwa mapodiseng ka jaana ele tiro ya bone go sireletsa setshaba.

A re ka go tlhoka lesego dikgang tsa boitseme ga di nke di goroga kwa diofising tsa bone gore ba tsenye kgalemo.

Mo go ya tlhaelo ya bodiredi, o tlhalositse fa sepodise se na le kgwetlho e kgolo ya tlhaelo ya boroko.

A re pele ga maphata a sepodise a kopana, mapodise a kgotla ane a fiwa matlo ke ba kgotla, mme jaanong seemo se fetogile fa go nyelediwa sepodise sa kgotla. 

A re seemo se se a ba thatafalela ka gore le fa ba ka oketsa palo ya mapodise a Morwamosu kgwetlho kgolo e ntse e ya go nna ya boroko.

O ba kopile gore ba tswelele ba ntse ba bega dikgang tsa bone ka botlalo kwa sepodiseng fa go santse go akanyediwa dikgang tsa boroko. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : JWANENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 20 Jan 2015