Ba lela ka letlhoko la ditlamelo
20 Jan 2015
E re ka jaana gotwe moseka phofu ya gaabo ga a swe lentswe, banni ba metse ya Gulubane le Masingwaneng mo kgaolong ya botlhophi ya Tati Bophirima ba tsweletse ka go itela mo pusong mabapi le letlhoko la ditlamelo dingwe mo metseng ya bone.
Fa ba akgela mo diphuthegong tsa kgotla di buisiwa ke mopalamente wa bone, Rre Biggie Butale bosheng, banni ba ne ba tlhalosa fa ba tswa kgakala ba lela ka seemo sa ditsela tse di mo tikologong ya bone, mme go lebega go sena sepe se se dirwang.
Ba re seemo sa ditsela se ba baya ka fa mosing, bogolo jang fa dipula di nele mme go tlama gore ba latele ditlamelo dingwe kwa mafelong mangwe.
Gape ba ne ba tlatsa ka gore seemo seo gape se kokonela le bana ba dikolo ka nako nngwe ba felela ba sa ya sekolong ka jaana melatswana mengwe e e dikologileng metse ya bone e sena metshelakgabo.
Ba re ba tswa kgakala ba kopa gore tsela ya Gulubane-Masingwaneng–Sechele-Masunga e dirwe go fefosa mosepele wa go ya Masunga kwa ditlamelo ka bontsi di leng gone, mme ga go nko e e tswang lemina.
Banni ba metse eo, ba tsweletse ba kopa puso go aga matlo a boroko jwa baithuti kwa sekolong sa Pelaelo se se kwa Makaleng, Ba re go tlhoka matlo kwa sekolong seo go felela go dirile gore bana ba bone ba amogelwe kwa dikolong tse di kgakala tse di nang le ditlamelo tseo, mme seo se dire gore batsadi ba kokonelwe ke mosepele wa go ya go lekola bana kwa dikolong.
Sengwe se banni ba metse ya Gulubane le Masingwaneng ba tlhalositseng fa se ba tshwentse, ke go bo metsi a tshologa gongwe le gongwe mme ba koporase ya ditlamelo tsa metsi ba sanke ba potlakela go baakanya tshenyo e e ka tswang e le teng.
Fa a ntsha pego ya ditlhabololo tsa motse, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Masingwaneng, Rre Nnang Wilson le fa a ne a kopa ditlamelo dingwe mo motseng wa bone, fela o ne a re ba lebogela ditlhabololo dingwe tse di dirilweng mo motseng ka lenaneo la Ipelegeng.
Rre Wilson o ne a bo a kopa gore ba okeletswe palo ya babereki ba Ipelegeng mo motseng go namola batho mo leubeng le go lebegang le gomagometsa matshelo a batho.
Kwa Gulubane gone, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Ishmael Matlakala o ne a kopa gore ba agelwe poso mo motseng go thusa banni, bogolo jang bagodi go amogelela madi a bone a Tandabala teng.
Rre Matlakala o tsweletse a bolela fa ba tshwenngwa ke go bo go na le mooki a le mongwe mo motseng wa bone morago ga gore yo mongwe a fudusiwe go ya go direla go sele mme phatla ya gagwe e ise e thibiwe.
Fa ba akgela mabapi le kgang e ba neng ba e bewa pele ke mopalamente wa bone, ya molao kakanyetso wa ikwadiso ya dikereke, banni ba Gulubane le Masingwaneng ba ne ba re go botlhokwa gore palo ya go kwadisa kereke e okediwe go feta le one makgolo a mabedi le masome a matlhano a akantsweng.
Ba re seo se tla itsa go runya ga dikereke tse dingwe tsa tsone di runyang ka maikaelelo a go dira kgwebo.
E ne e rile go le pele, mopalamente Butale a lekodisa banni ka dingwe tse di dumalanweng kwa palamenteng e e fetileng. O ne a tlhalosa fa go tserwe tshwetso ya gore go ntshiwe lekgetho la VAT mo dijong dingwe tse di jewang thata jaaka bo raese. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 20 Jan 2015






