Breaking News

Balemi ba lela ka beng ba diterekere

20 Jan 2015

Banni ba metse ya Tswapong borwa ba re ga ba jesiwe diwelang ke beng ba diterekere bangwe ba go bolelwang ba sa dirisanye sentle le balemi.

Ba re beng ba diterekere bao, ba tla kwa masimong a bone ba bo ba a lemolola, fa ba sena go dira jalo ba bo ba tsaya sebaka se se fetileng kgwedi ba sa ba lemele. Ba re go lebega beng ba diterekere ba tsaya masimo a mantsi a a ba fetileng ba a lemolola a bo a ba palela go a jwala.

Ba re seemo seo se a tshwenya ka bokgola bo felela bo tsamaya go bo go felela gape masimo a bone a tlhoga bojang. Ba re mo dinakong tse dingwe ba felela ba ba lemela fela ntswa ba bona bokgola bo tsamaile.

Ba buile jalo kwa diphuthegong tsa kgotla tse di neng di biditswe ke mopalamente wa kgaolo, Mme Dorcas Makgato bosheng.

Rre Gabatlhalose Gabakopane wa Moshopha o boletse fa balemi ba setse ba sa itse se ba ka se dirang ka bontsi jwa bone ba sa lema ntateng ya seemo seo. A re ba tlaa felela ba sena tshepho ya gore mo ngwageng ono wa temo ba tlaa bona se ba se jang.

Rre Gabakopane a re o itemogetse gore boraditerekere ba lemolola masimo jalo ba raya gore balemi ba seka ba kopa ba bangwe gore ba ba lemele mme ba nne le tshepho ya gore ba tlaa tla ba jwala ka ba a bo ba lemolotse mme go seke go nne jalo.

Mme Ngongorego Tshireletso wa motse wa Machaneng o ne a bolela fa ba ise ba leme mme mo gongwe ba lemelwa morago ga kgwedi.

Mo go tse dingwe Kgosi Boemo Lechaena wa Moshopha o ne a ikuela mo pusong go tsibogela go dira tsela ya Moshopha/ Shakwe e e leng yone e ba tshwaraganyang le motse wa Mahalapye.

Kgosi Lechaena a re tsela eo e sekgele sa dikhilomithara di le masome a mararo le bobedi ka jalo ba tsamaya sekgele sa dikhilomithara di le lekgolo masome a mararo le bobedi go ya Mahalapye.

Fa a tsibogela dilelo tsa bone, Mme Makgato o ne a bolela fa a itemogetse gore boraditerekere ba tsaya masimo a mantsi thata ba bo ba palelwa ke go a lema.

A re go tlhokana le gore ba dire lenaneo la gore ba tlaa lemela balemi jang ka mo kgaolong ya gagwe go na le diterekere di le 77 le digogi di le 44. Ka jalo o ne a solofetsa banni fa a tlaa tsibogela kgang ya boraditerekere gore go bonwe gore go ka dirwa jang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 20 Jan 2015