Breaking News

Molefhi o solofetsa tirisano mmogo

20 Jan 2015

Mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Nonofo Molefhi, o solofeditse morafe o o neng o kokoane kwa kgotleng ya Botshabelo le Ikageleng tirisano mmogo ga gare ga gagwe, setshaba le makhanselara.

O ne a kopa makhanselara go lebala ka tse di fetileng a tlhalosa gore ba tshwanetse go nna selo sele sengwe go direla setshaba se se ba tlhophileng go sa kgathalesege gore ke ba diphathi tse di farologaneng.

O ne gape a tlhalosa gore o setse a simolotse go bereka mmogo le mopalamente wa kgaolo ya Selebi Phikwe Bophirima, Rre Ditlhapelo Keorapetse, ka ba setse ba etetse makalana a puso le a a ikemetseng felo ba le mmogo go bona ka fa ba ka tlhabololang toropo ya Selebi Phikwe ka teng.

O ne a leboga batlhophi a re ba supile tshepho mo go ene go bo ba mo mmuseditse kwa palamenteng go tsweledisa fa a neng a eme teng.  Mopalamente Molefhi o ne a tlhalosa gore o neetswe maikarabelo a go nna tona wa dikago le boranyane mme e le tiro e e bophara go na le a neng a e dira mo dingwageng tse di fitileng. 

A re ke tshwanelo ya gagwe go tlhokomela dikago dingwe le dingwe tsa puso mo lefatsheng la Botswana ka jalo se se raya gore ga ba na go mmona a buisa diphuthego jaaka ba solofetse mme a ba solofetsa gore gaana go ba lebala o tla nna a ba tlhola fa a bone nako.

E rile a lekodisa phuthego ka tsa palamente e e fitileng a bua gore puso e mo thulaganyong ya go sekaseka molao wa kwadiso ya mekgatlho le makgotla,a re tsetlana e ba tla e tsenyang leitlho ke e e amang kwadiso ya dikereke.

Mopalamente a re puso e tshwentswe ke go runya ga dikereke mme tse dingwe go lebega di obamela medimo ya disetwa.

O tlhalositse gore puso e seka seka gore kereke e nne le maloko a ka tshwarang makgolo a mabedi le masome a matlhano kgotsa go feta go ka tlhomamisiwa ka fa molaong.

Mo go tse di amang tsa temo, Rre Molefhi o ne a tlhalosa gore puso e ntshitse lekgetho la (VAT) mo didirisiweng tsa temo di tshwana megoma le tse dingwe go fa bagwebi tshono ya go go nna le didirisiwa tsa temo go itirela dijo.

Rre Molefhi o ne a tlhalosetsa morafe fa mochine o o tlaabong o dirisiwa go apaa merogo le masika a one o gorogile mme ba Botswana Development Cooperation ba santse ba baakanya lefelo le go tlaabong go dirwa tiro ya go nna jalo teng. 

A re go solofetswe gore tiro e tlaabo e wetse ka kgwedi ya Tlhakole mono ngwaga,le fa go ntse jalo o kgotlhaditse banni ba Selebi Phikwe go ema ka dinao mo temong go tla go dirisa ditlamelo tse ba di tiseditsweng.

Rre Molefhi o tlhalositse gore le ba madirelo a a tla bong a nyerolosa ditshipi ba tshwere ka thata go dirahatsa maikaelelo a bone.A re ba tshwaragane le go dira mafaratlhatlha a motlakase o o tla a bong o lekane go nyerolosa ditshipi ka go lebega di tla nna dintsi.O tsibositse morafe go ela tlhoko mo thekisong ya ditshipi gore ga ba amane le tse di ka tsogang di ba tsentse mo mathateng.

Mo go tse dingwe Rre Molefhi a re borukhuthi mo Selebi Phikwe bo supafetse fa bo wetse kwa tlase go ya ka dipalo mme se se dirwa ke tshwaragano magareng ga banni ba Selebi Phikwe le ba sepodise. 

A ba rotloetsa go tshwara ka thata go lwantsha borukutlhi.

Erile ba akgwa mopalamente wa bone dikgaba mongwe wa banni Rre Gravis Lekopa Bolamber a re ba itumelela tekodiso ya gagwe, mme a re o na le lesokolela ka tsela ya Sefhophe –Martins Drift a re batho ba feletse mo go yone. O tlhalositse fa e na le dingwaga e ntse ele dikhutli a re bontsi ja batho ke yone e ba e dirisang go reka maungo kwa dipolaseng ka jalo e tshwanetse go potlakelwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : aboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 20 Jan 2015