Sexaxa o itumelela bajanala
20 Jan 2015
Banni ba Sexaxa kwa kgaolong ya Maun Botlhaba ba re go na le palo e e nametsang ya bajanala ba ba etelang motse wa bone.
Ba re se, se tla jaana fa e sale badiragatsi le ba botaki ba ba farologanyeng ba etela lefelo leo ngwaga oo fitileng. Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Thaloganyo Lekang a re ba itumetse fela thata ka bajanala ba ba etelang motse wa bone ka ba kgona go reka dithoto tsa bone tsa Setswana tse ba di dirang
Kgosi Lekang o tlhalositse fa bajanala ba tiisa baroki le babetli ba motse wa bone go tswelela ba dira gore ba kgone go rekisa ka ba bona bajanala ba tshologela mo motseng wa bone ebile ba reka dilwana tsa bone.
A re ba kgonne go nna le sebaka sa go ithekisa mo bajanaleng ba ba tswang kwa America, Australia le Africa Borwa ka tse ba di dirang mme a tswelela ka go supa fa ngwao ya bone ya Seyei le mmino wa bone o ratiwa fela thata.
O tlhalositse fa ba solofela gore bajanala ba tla a tswelela ka go etela motse wa bone, mme a supa fa go tla ga tiragalo ya bataki le badiragatse mo kgaolong ya Maun, go ba thusitse go ba rekisa mo bajanaleng ka ba kgona go rekisa gore ba bone se ba ka itshetsang ka sone.
Kgosi Lekang o tlhalositse fa ba agile motse wa ngwao go leka go tsosolosa ngwao ya Bayei le teme ya bone e a tlhalositseng fa bana ba bone ba simolotse go ithuta dilo tsa ngwao ya bone mo go yone.
“Re agile motse wa ngwao ka dilo tsa setso di akaretsa letlhaka, mokola, mapako a mophane, bojang le mmu wa seolo,” ga bua Kgosi Lekang.
O kaile fa ba dirisa motse oo go ruta bana ba bannye go apaya dijo tsa Setswana jaaka seswaa, dinawa, manoko le mmidi gore ba seka ba lebala dijo tse batsadi ba bone ba godileng ba dija.
Mme o kaile fa bajanala ka bontsi ba rata dijo tsa bone thata ebile ba rata go di ithuta gore ba kgone go ka di apaya kwa gagabo jaaka seswaa le bogobe jwa lerotse le nswaswa.
Kgosi Lekang o tlhalositse fa bontsi jwa bajanala ba tsaya nako e ntsi ba ikhuditse mo motse wa bone wa ngwao go ithuta mmino wa bone wa Seyei o o bidiwang Shimbiro, o a tlhalositseng fa o ne o opelelwa bana ba basetsanyana ba ba golang.
Fa ntsha la gagwe Mme Paulla Garvin, mongwe wa bajanala go tswa Australia a re o ithutile gore ngwao ya Seyei e supa bodiragatsi jo bo farologanyeng jaaka mmino, dijo le ditso tse dintsi.
Mme Garvin o supile fa mo lefatsheng la Botswana go na le botlhaga le bodiragatsi jo bo ka tshetsang batho fa ba ka bo tsaya ka tlhwaafalo.
“Ke kgonne go reka ditotwana le moseme o ke tlang go o dirisa go robala mo go one fa ke le mo lwapeng ke e khuditse ga mmogo le selepe le setilo tse ke di reketseng monna wa me,” ga bua Mme Garvin.
O solofeditse fa a tla boa a etela Botswana le ba lelwapa la gagwe gammogo le ditsala ka kgwedi ya Seetebosigo mono ngwaga go tla go reka dilo tsa ngwao tse dintle tse a di bonyeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keswetseng Samokunda
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 20 Jan 2015






