Breaking News

Lephata la dikitsiso le abela bana

20 Jan 2015

Lephata la dikitsiso le abetse bana bangwe ba sekolo se se botlana sa Kgamadi paka ya sekolo.

E rile a bua mo moletlong wa kabo dimpho, mogokgo wa sekolo seo, Rre Zibo Tabona a re sekolo sa gagwe se na le baithuti ba feta makgolo a matlhano mme go na le palonyana ya bana ba ba tswang mo sekolong. 

A re ba ba tswang mo sekolong ba ntshiwa ke mabaka a a farologanyeng a akaretsa a itsholelo mme o ne a kopa batsadi go rotloetsa bana go tsaya thuto ya bone ka tlhwaafalo.

Rre Tabona a re sekolo sa gagwe se dira sentle fela thata mo ditlhatlhobong ebile se le mo ngwageng wa boraro se eteletse kgalo yaotlhe ya Ghanzi kwa pele, mme a re sekolo se gore se tswelele se ithomile kwa pele go tlhoka tshwaragano ya barutabana, batsadi le maphata a puso otlhe ka go farologana ga one.

A re sekolo sa gagwe se tlhaelelwa ke dikago di tshwana matlho a barutelo, a re bana ba felela ba rutelwa mo patlelong. Rre Tabona a re ba tlhaelelwa gape ke matlhwana a boiteketso a bana ba sekolo ka gore dipalo tsa bone di ko godimo fela thata.

Mookamela lephata la dikitsiso kwa Ghanzi Mme Ketshepile More a re lephata la gagwe le bone go le botlhokwa gore le lone le tseye karolo mo tikologong e le direlang mo go yone mme ba tlhopa sekolo se se potlana sa Kgaphamadi se e le go supa mowa wa kutlwelo botlhoko le lerato mo baneng ba ba tlhokileng lesego.

A re ba bone gole botlhokwa gore ba abele bana paka e ya sekolo e le tsela ya go ba fa seriti le go ba kgothatsa gore ba seka ba ipona ba farologana le ba bangwe mo sekolong mme ba ithute ba phuthulogile.

Mme More a re ba gwethilwe ke go bona bana baya sekolong ba sa apara paka ya sekolo mme ba gwethega go ba thusa mme ba ne ba kgobokanya madi ka go ntsha madi a a kanana ka P5 beke le beke le go rekisa merogo go tswa mo tshingwaneng e ba e itiretseng ya merogo.

Mothusa Molaodi wa motse wa Ghanzi Rre Sentsho a re sekolo sa kgaphamadi se ntsha maduo aa kgathisang e bile se tsweletse ka go ikgapela maemo a ntlha mo dikolong tshotlhe tse di mo kgaolong ya Ghanzi.

Rre Sentsho a re ba lebogela dimpho tsa bana mme a re ga se tsa bana ke tsa sekolo ka gore se supa fa go na le tirisano mmogo e e tseneletse mo sekolong seo. 

A re o leboga barutabana ka tiro e ba e dirang mme a ba rotloetsa gore ba tswelele ba bereke ka thata go sekolo sa bone se tswelele ka go tsaya maemo a ntlha.

A re le ntswa barutabana ba na ledikgwetho tsa tlhaelo ya matlo a boroko le matlo a borutelo sekolo sa bone se tsaya maemo a ntlha mo kgaolong mme se se supa boineelo mo tirong a re o lebogela se lephata la dikitsiso le se dirileng a re se se supa fa Batswana ba tsaya dithuto tsa bana ka tlhwaafalo ka gore bana ba ba tla kgona go reetsa fa barutabana ba ruta ka gore ba tla bob a apere paka e e tshwanang le ya ba bangwe.

Mogolwane go tswa ko lephatng la thuto Rre Jacob Tjienda a re sekolo sa Kgaphamadi se itiretse leina e bile gape se dirile ditso mo kgaolong ya Ghanzi ka go ntsha maduo a a kgatisang e le lantha mo kgaolong, a re maduo a sekolo ga a wele tlase mo dingwageng tse tlharo a nonofile ebile a tlhomame.

A re sekolo se se na le barutabana ba ba berekang ka thata ebile le batsadi ba bana ba sekolo sa teng ba na le tirisano mmogo. 

Mopalamente wa kgaolo eo Rre Noah Salakae, a re dimpho tse di na le bokao jo bogolo ka di supa lorato mo baneng ga mmogo le mo thutong ya bone mme o rotloeditse bana go tsaya thuto ya bone ka tlhwaafalo. 

A re ba tlotle dikgakololo tsa batsadi ba bone, gore le maduo a bone a seka a wela tlhase. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lemogang Madumane

Location : GHANZI

Event : Kabo dimpho

Date : 20 Jan 2015