Sepatela sa Tsabong se mosuke
19 Jan 2015
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Tsabong, Rre Wilpard Gotlop, o ngongoregile ka mosuke wa kokelo ya Tsabong.
O supile ngongorego e mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Kgalagadi Borwa yo ebileng gape e le mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae mo kgotleng kgolo ya Tsabong bosheng.
Rre Gotlop o ne a tlhalosa fa kokelo e amogela balwetsi go tswa mo metseng e ka nna masome a mabedi le bone ee mo kgaolong eo. O kaile fa go na le tlhaelo ya boroko jwa balwetsie fa ba robalang teng le baimana fa ba amogetswe mo kokelong seo, tlhaelo ya didirisiwa le bodiredi bo akaretsa dingaka le baoki.
Modulasetilo o ne a tswelela ka go tlhalosa fa mo nakong ya gompieno go setse go na le malwetse a a farologanyeng a a setseng a amile setshaba mme a tshwanetse go tsibogelwa le go potlakelwa ke ba bongaka ka bonako jo bo kgonagalang.
Rre Gotlop o ne a supa fa gantsi go nna mola o mo leele kwa kokelong ka lebaka la bodiredi jo bo tlhaelang. Fa tsibogela dingongorego tseo mogolwane mo kokelong ya Tsabong mme Agelinah Sampson o ne a dumalana le banni ba motse oo ka mosuke mo kokelong eo.
O ne a kaya fa ba lephata la botsogo ba itse seemo sa kokelo eo fa se tshwanetse go atolosiwa mme sebe sa phiri e le letlhoko la madi mme se tlaa atolosiwa fa seemo sa itsholelo se ka tokafala.
Mme Sampson o ne a tlhalosa fa go na le tlhaelo ya dingaka ka go na le di le nne fela mo kokelong eo, o ne a supa bangwe ba dingaka ba tlogetse tiro ka mabaka a go ya go berekela go sele go ya go batla mafulo a matalana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 19 Jan 2015






