Breaking News

Dikole ga di a tshwanela go baya bana ka fa mosing

19 Jan 2015

Mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitse, o boletse fa go dumelanwe gore go senne le ngwana ope yo kgoreletsegang go tswelela le sekole kgotsa go batla tiro, a ganelwa ka setlanka ka mabaka a dikoloto tsa sekole.

Mopalamente o buile jalo fa a ne a buisa phuthego ya kgotla bosheng. A re go dumelanwe gore bana ba neelwe ditlankana tsa bone le ntswa ba kolota, batsadi batla sala ba buisana le sekole gore batla duela dikoloto jang.

A re tshwetso ee tserwe ka bane ba lemoga gore bana bangwe ba a kgoreletsega fa ba tswanetse go tswelela le dithuto tsa bone ba ganelwa ka ditlankana, tebang le dikoloto.

Rre Lelatisitse o ne a ba lekodisa ka tse dingwe tse di neng tsa buiwa kwa palamenteng, a ba tlhalosetsa gore go ntshitswe lekgetho mo dijong tse diakaretsa, borotho, phaleche, raese, merogo,maungo le mo didirisiweng tsa temo .

O ne gape a ba baya molao wa kwadiso wa dikereke wa gore go akantswe gore palo ya go kwadisa kereke ya maloko a a lesome e nnye fela thata, mme e okediwe go na makgolo a mabedi le masome a matlhano ,go leka go fokotsa go runya le go kgaogana ga dikereke ka jalo a re ba ntshe megopolo gore bone ba akanya jang ka kgang e.

Mopalamente one a lebogela ditlhopho a tlhalosa fa ditlhopho tsa ngwaga o o fitileng di tsamaile sentle e bile dine di gololesegile ,selo se areng ga diragale mo mafatsheng a mangwe.

E rile a ba lekodisa Mopalamente ka matlhoko a bone modulasitilo ya komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Botsaletswemang Mphetsolang,a supa fa ba kopa gore tsela ya Mmatshumo/Mosu/Thalamabele e tsengwe sekontere, ba batla go agelwa diofisi tsa mapodisi le matlo, go simolodisiwa ga Service Centre.

Rre Mphetsolang o boletse gore Polase ya motse wa Mosu e tsweletse sentle,a re ba tsentse dihutsane mo go yone ,e bile gape a re ba di lemetse lebolebo. Mopalamente one a ba gakolola gore baka tlhabolola polase ya bone ba e dira ee gwedisang go tlhabolola dihutshane,go dira gore ene le dipoelo .

Mo kganyeng ya dikereke Banni bane ba supa fa palo ee akantsweng le yone ele nnye, mongwe wa banni Mme Omphithetse Madingwe a re palo ya makgolo a mabedi le masome a matlhano ke palo ennye,a re go batla makgolo a matlhano, a tlhalosa fa ba tshwentse ke go gola ga dikereke segolo jang tsa batswakwa, mme Chedu Matekela le ene o ne itela kobo moroko mafoko a gagwe.

Banni ba ne ba ngongorega ka le tlhoko la metsi ,go tlhoka go gopiwa ga tsela ,tlhaelo ya dipilsi tsa bolwetse jwa madi a matona.

Mopalamente one ba solofetsaa gore dilelo tsa bone o tla diisa kwa go ba ba lebaneng , fa tsedinwe a tla di sala morago.

Mothusa Kgosi ya Mosu Rre Philip Kopano ene e rile go le pele a amegela baeng, a bolela fa matshwenyego a bone a matona ele terata ya makoba ee senyegileng, selo se areng se gakatsa bogodu jwa leruo, ka dikgomo tsa bone di tolela ko kgalong engwe.o ne gape a re gona le dikgotlana dingwe tse di senang metse gotlhelele. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : LETLHAKANE

Event : Diphuthego Tsa Kgotla

Date : 19 Jan 2015