Boitseme bo ka kgoreletsa tirisanyo mmogo - Mautle
19 Jan 2015
Mothusa ramapodisi wa kgaolo ya Borwa, Assistant Commissioner Oreeditse Mautle, o amogela fa ofisi ya sepodisi kwa kgaolong ya Kweneng e na le bothata jwa go dira dilo ka tshokamo mo go ka felelang go kgoreletsa tirisanyo ya mapodisi le morafe wa Bakwena.
Erile a buwa mo phuthegong ya kgotla e rulagantswe ke balemi barui ba kgaolo ya Mokwena bosheng, Rre Mautle o ne a amogela fa a itemogetse gore ofisi ya sepodisi mo Molepolole e sa dire mo go lekaneng go tsibogeleng dikgang tsa leruo mo kgaolong ya mokwena.
O tlhalositse fa ofisi ya gagwe ka tlhobaelo ya barui ba kgaolo ya mokwena ka tsela e dikgang di tsamaisiwang ka yone, ene ya dira ditlhotlhomiso tse di senotseng fa go na le bothata jo ofisi e tshwanelang go bo tsibogela bo akaretsa tlhaelo ya boitsanape mo go batlhotlhomiseng dikgang tsa bogodu jwa leruo, le gore bo matlhola a dietsa ba supiwa kwa makgotleng a ditsheko ele lwantla ba dira melato
Rre Mautle o ne a tlhalosa gore ka maiteko a go tsibogela matshwenyego a barui ba kgaolo eno, ba ne gape ba tsaya kgato ya go fudusa modiredi mongwe wa ofisi ya bone ka jaana magogwe ane a belaela lomepe mme a emisetswa kwa mogolwane wa maeno a Assistant Superintendent go etelela pele ofisi ya bosekisi.
Le fa gontse jalo rre Mautle o lebogetse maiteko a barui bangwe ba kgaolo ya mokwena ba ba ititeileng sehuba go tshwaragana le ba sepodisi mo maitekong a go lwantsha seemo sa bogodu jwa leruo. Fela o kopile barui go re mo maitekong a bone ba seka ba raelesega go itseela molao mo matsogong ka jaana puso e tla a lwa dintwa tsa bone.
O bile a kopa bodiredi jwa sepodisi go kopa tiro entle e dirwang ke modiredi mongwe wa lekalana la Traffic mo Molepolole gore fa ele gore o kgona go dira tiro e amogelwang ke bontsi ,ke eneg mapodisi a mangwe a seke a ithute mo go ene go thusa morafe ka mo go amogelesegang eseng go dira tiro ka maikutlo.
O solefeditse barui ba baneng batsene phuthego ka dipalo tse dikwa godimo fa ofisi ya gagwe etlaa dira mo eka go kgonang go tlhomamisa gore dilelo tsa bone di a tsibogelwa.
O bile a laela bogogi jwa sepodisi mo kgaolong ya mokwena go ela thoko tsela e morafe o thusiwang ka yone le go lekodisa batho ka seemo sa dipego tse ba di dirileng go hema go gogagogana le morafe.Morui mongwe rre Tebele wa lekgotla la barui la Selelo-sa-barui ba kgaolo ya Monwane o supile tlhobaelo ka tsela e dikgang tsa bogodu jwa leruo di dirwang ka teng, badira molato ba gololwa gangwe le gape le ntswa bana le motseletsele wa dikgang fa pele ga makgotla a ditsheko
Rre mautle one a tlhalosa gore, makgotla a ditsheko a letla babelaelwa go emela tsheko kwantle ba tlamiwa ke mabaka a baa beilwe pele, mme fa asa nonofa lekgotla le iphitlhela le patelesa go ba golola.
Rre Mosimanegape Sekwati wa lekgotla la Ka-e-tlhoka o ne a kopile ba golwane ba sepodisi go tsibogela bothata jwa kgolo ya bogodu jwa leruo mo kgaolong ya Kweneng a supa fa go gogadinao ga ba sepodisi go tlaa ba tlama go ipatlela methale e baka hemang seemo ka yone.
Rre Masego Phuduhudu o supile fa maiteko a bone go lwela leruo la bakwena a atla busediwa morago ke go tlhoka kmo nokeng ya sepodisi le go latlhelwa ga ditlhotlhomiso.
Are go busetsa babelaelwa di supiwa di tshwana dikoloi go ba rotloetsa go tswelela ba dira melato.Mopalamete wa kgaolo ya Molepolole Borwa Dr Tlamelo Mmatli o akgotse maiteko a barui ba ba intshitseng setlhabelo go boloka leruo la bakwena a bo a solofetsa kemo nokeng le go batla tsela ya kafa maiteko ao aka nonotshiwang ka teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 19 Jan 2015






