Breaking News

Seretse o leboga batlhophi

19 Jan 2015

Mopalamente wa kgaolo ya Lentsweletau/Mmopane, Rre Vincent Seretse, o lebogetse  batlhophi ba kgaolo eo  go mo tlhopha gonna moemedi wa bone kwa palamenteng.

Mopalamente yo a leng mo leotong la gagwe la go buisa diphuthego tsa kgotla o buile seo fa a ne a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Letsweletau le Kgope bosheng.

Mopalamente yo gape a leng tona ya papadi le madirelo a re jaaka morongwa wa bone o ba solofetsa fa a tla gorosa dikeletso tsa bone kwa go tshwanetseng le go dirisana le bone sentle ka jaana fa a ka seka a dira thomo tsa bone gotla dira gore ba fele pelo le go motlhoboga.

Lefa gontse jalo o gakolotse badirela puso gore ba seka itira medingwana fa bale kwa diofising tsa mmuso ,a re ditshekatsheko tse didirilweng di supile fa bagodi basa tlotlwe le go sa setseweng sentle fa baile go kopa dithuso kwa diofising tsa mmuso, are bagodi batshwanetse ba thusiwa sentle le gore badirela puso ba tshwanetse baitse fa ele batlhanka ba setshaba.

Tona o bile a kopa batho ba metse go somarela lefatshe le ba leabetsweng ka jaana lefatshe le tlhaela, a re batho bogolo jang banana batsweletse ka go rekisa lefatshe fa ba sena go leabelwa ka bare lebogadi bogaufi.

Mopalamente o boleletse batho ba metse fa mo pegong yaga tautona ya tekodiso ya sechaba a tlhaslositse fa itsholelo ya lefathse leno e tokafala ka jalo balemi batla tswelela ba thusiwa ka la ISPAAP.

O batlhaloseditse fa lenaneo la ditogamano la NDP 11 le sutiseleditswe kwa pele ka ngwaga gore letle le tsamaelane le tebelopele ya secha ya 2016.

Mo go tse dingwe mopalamente one lekodisa batho fa ba lephata la tsa pereko ba tshwentswe ke ke kafa go kwadisiwa ga dikereke mo lefatsheng leno go golang ka teng ka jalo ba dule ka mogopolo wa gore dikereke di ka kwadisiwa dina le maloko ale 250.

Mo phuthegong eo batho ba Lentsweletau bane ba bolelele mopalamente fa ba sa itumedisiwe ke go solofediwa ditiro tsa ditlhabololo tse yareng kwa morago difetisetswe kwa mafelong a mangwe go sena therisano epe le bone .

Kgosi Motshereganyi Makgasane are bane ba solofediwa fa gotlanna le diofisi tsotlhe tsa maphata a puso kwa motseng go neela batho ditirelo tsotlhe tse di tshwanetse .

A re bane ba solofediwa sekolo se segolwane, diofisi tsa mapodisi le go dirwa ga tsela ya Lentsweletau/Hatsalatladi tse tsotlhe tse di neng tsa felela di isiwa kwa mafelong a sele.

A re diofisi tse dileng teng gompieno dingwe tsa tsone ga dina bodiredi mo e bileng ba santseng balatela ditirelo tse dintsi kwa Molepolole.

Kwa motseng wa Kgope batho balela ka letlhoko la metsi le motlakase o ba reng o ba beile kafa mosing ka le dikgwebo tse ba eletsang go didira ke tse di batlang motlakase.

Ba re letlhoko la motlakase le bajesetsa mo lesweng ka jaana badirela puso bogolo jang barutabana ba gana gotla kwa motseng oo kantata ya letlhoko la motlakase le gore di computara tse di abetsweng sekolo go ruta bana ditla fela di senyega ka di sa dirisiwe.Matshwenyego a mangwe a batho ba  motse ba buileng ka one  ke letlhoko la metsi.

Ba tlhaloseditse mopalamente fa ba koporase ya metsi bane ba tsentse dipompo dile tharo  tse ditla nosang motse oo mme gompieno go bereka ele nngwe fela e nosa motse otlhe,ka jalo ba kopa gore diokediwe ka motse le one o godile. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Dinah Mfulwane

Location : MOLEPOLOLE

Event : Diphuthego Tsa Kgotla

Date : 19 Jan 2015