Breaking News

Ba iteetse molao kakanyetso wa dikereke legofi

19 Jan 2015

Banni ba metse ya Tswapong Borwa ba dumalane le molao kakanyetso o o tlamang yo o batlang go kwadisa kereke go nna le palo ya batho ba le makgolo mabedi le masome a matlhano go na le palo ya lesome e e dirisiwang mo nakong eno.

Ba re le bone fela jaaka puso ba tshwentswe ke seemo se se sa itumediseng se se amang dikereke. Ba boletse fa e tlaa bo e le kgatelopele e kgolo fa puso e ka dira gore go oketswe palo ya maloko fa motho a batla go kwadisa kereke.

Bangwe ba ne ba bolela fa ba dumelana le mogopolo oo mme puso e sekaseke gore a palo ya maloko a le 250 e ka seke e oketswe gore go nne thata gore motho a akanye go kwadisa kereke. Banni ba ne ba tsibogela mafoko a ga Tona wa Botsogo Mme Dorcus Makgato kwa diphuthegong tsa kgotla mo metseng ya Tswapong borwa bosheng.

Ba re mo malatsing ano dikereke di fetogile go nna dikgwebo mme mo gongwe Batswana ba amogiwe diketekete tsa madi. E ne e rile go le pele Mme Makgato a itsise banni ka molao kakanyetso o o tlamang dikereke go nna le maloko a le 250 gore ba kgone go di kwadisa.

O ne a re go na le bosupi jo bo papametseng jwa gore bangwe ba dikereke tse di leng teng mo lefatsheng leno, ba gweba ka madi ba dirisa leina la kereke gore ba tile go duela lekgetho ka dikereke di sa duele lekgetho mo lefatsheng leno.

A re kgang e nngwe e e tshwentseng puso ke ya dikereke tse di runyang kgapetsakgapetsa mme kwa bofelong Batswana ba bo ba jewa ntsoma, ba tseetswe madi a a tsitsibanyang mmele ka leina la kereke.

O ne a bolela fa dikereke dingwe di felela di thubega mme seemo seo le sone se tshwentse puso. Mo go tse dingwe banni ba ne ba lela ka tlhaelo ya metsi ba bolela fa ba kgona go nna sebaka se seleele metsi a kgadile mo metseng ya bone.

Mme Kedibone Chabaesele wa motse wa Moshopha o ne a bolela fa seemo sa tlhaelo ya metsi mo motseng wa gagwe se babalela kgwebo ya gagwe ya ditena ka a tshwanelwa ke go a dirisa ka nako tsotlhe.

Bangwe ba ne ba bolela fa ba sale ba dueletse kgokelo ya metsi mme ba kompone ya metsi ya Water Utilities Corporation (WUC) ba sa tsibogele go ba gokelela metsi.

Ba re mathata a mangwe ke a dituelo tse di kwa godimo tsa metsi le go sa neweng dikoloto tsa metsi kgwedi le kgwedi gore ba kgone go duela metsi.

Le fa go ntse jalo Mme Makgato o ne a re o lemogile fa seemo sa tlhaelo ya metsi se le kwa godimo mo metseng ya Tswapong borwa mme a tshwanelwa ke go ikopanya le tona yo o lebaganeng le tsa metsi go bona gore ba ka rarabolola seemo jang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LERALA

Event : Diphuthego Tsa Kgotla

Date : 19 Jan 2015