Go botlhokwa go itse ka ditirelo
20 Dec 2012
Morafe o gakolotswe ka botlhokwa jwa go itse le go lemoga ka bo leng teng jwa ditirelo le ditlamelo tsa lephata la botsogo.
Erile a bua mo kokoanong ya go supa ditirelo tsa botsogo e dirilwe ke ba komiti ya tlhokomelo botsogo ya Kweneng bosheng, mothusa tona wa lephata la botsogo Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri a re kokoano ya go supa ditirelo tsa botsogo e botlhokwa ka jaana e fa badiri ba botsogo sebaka sa go itshekatsheka mo go tse ba di dirileng. Mothusa tona o kaile gape fa letsatsi le, le thusa le one morafe go anywa le go ithuta ka dikgang tse di amang ditirelo tsa botlhokwa tse lephata la botsogo le nang natso mo maitekong a tlhabololo botsogo jwa motho.
Rre Matlhabaphiri o bile gape a kaya fa letsatsi la go supa ditirelo tsa lephata la botsogo, le thusa go abelana dikitso le megopolo ka mananeo a botlhokwa ka seemo sa botsogo ka kakaretso.
Tona Matlhabaphiri yo e bileng e le mopalamenete wa kgaolo ya Molepolole Bokone, e ne ya re kwa bowelong jwa tiro a tsamaisiwa le metlaagana e le masome mabedi go supegediwa ka fa kgatelopele ya ditirelo tsa botsogo e tsweletseng ka teng.E re ka jaana tiro eo gape e ne e akaretsa go iteisana borathana ga maphata a a farologaneng ka ditirelo. Lekalana la tsa loaro le ne la ikgapela sekgele sa ntlha, la kalafi ya meno la ikgapela maemo a bobedi le latelwa ke la ditirelo tsa botsogo jwa banana le le tsereng a boraro. ENDS
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego
Date : 20 Dec 2012






