Sephiri o itshetsa ka motlopi
19 Jan 2015
Go itshetsa ka diatla ke maiteko a mantle a go imolola puso le go supa botshelo le gone go tumisa leina la gago ka tiro e e manontlhotlho e o e direlang banni ba tikologo ya gago.
Mme Babie Sephiri wa kgotlana ya Borakanelo kwa Tsabong o itshetsa ka go dira kofi ya motlopi. O buile mo potsolosong fa a simolotse kgwebo ka 2011.
A re o ne a setse a kgonnwe ke go reka kofi mo mabentleleng mme a nna le maikaelelo a go e itirela ka a ne a sale a itse ka fa e dirwang ka teng a rutilwe ke mme mmaagwe. O boletse gape fa a tsamaya a sikere kofi eo go e rekisetsa banni, le go e bapatsa mo go ba ba sa e itseng.
A re o rekisa selekanyo sa kopi ka dipula tse some. O supile fa bontsi bo e kgatlegela mme e bile ba kaya fa e le monate thata. O ne a bolela fa e rekwa thata ke batho ba ba tswang dikgaolong di sele ntleng le Kgalagadi.
Le fa go ntse jalo a re mo go bakwa ke gore e rekisiwa ke batho ba le bantsi. A tlhalosa fa mme mmaagwe a mo rutile gore go tshasiwa mafura a le mmannye a a senang monkgo o montsi mo pitseng gore e seka ya ngaparela le go sha.
A supa fa se se itsa gore e nne le mafura a mantsi a a bonalang fa go setse go tlhatlheilwe. O boletse fa kgwebo e e mo thusa thata ka a kgona go reka dijo le melora ka madi a yone kgwedi le kgwedi go di dirisa le ba lelapa la gagwe ka a sa bereke gope.
Mme Sephiri o ne a bolela fa a tsaya dithito tseo kgakala le motse. A re o gakolola badiri ba kofi go nna ba katela mesima fa ba sena go epa.
One gape a kopa banni ka kakaretso go dirisa metlopi ka kelotlhoko a re go sa direng jalo go ka dira gore ditlhare tseo di nyelele mme go ba paledise go tswelelela ba itshetsa jalo le gone go tla a tlogelela bana dikgwebo,boswa le go ba tlhokisa kitso ya dijo tsa ngwao.
A re keletso ya gagwe ke gore Batswana mo lefatsheng ka bophara ba itse kofi e le gore ba e dirise ka a dumela e na le seabe mo botsogong ka e ne e kgethetswe batsetsi bogologolo, go ne go dumelwa fa e phepafatsa mateng a motho.
O ne a tlatsa ka gore o gakololwa borre go e nwa ka e ka ba thusa malwetse a tshwana le jwa diphilo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keiketlile Kelefhile
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 19 Jan 2015






