Breaking News

Tshenyo ya dipompo e keketse kwa Nkange

19 Jan 2015

Mookamela kgaolo ya bokone mo koporaseng ya ditlamelo tsa metsi, Rre Abdenico Mooka, a re ba tshwere bothata ka tshenyo e e dirwang ke batho ba ba thubang dipompo le diphaephe tsa metsi.

Rre Mooka o buile seo fa a ne a araba mangwe a matshwenyego a a ntshitsweng ke batho ba kgaolo ya Nkange kwa Tutume bosheng mo phuthegong ya baeteledipele ba maphata le mopalamente wa kgaolo ya Nkange, Rre Edwin Batshu.

A re ba leka ka bojotlhe go baakanya diphaephe tseo, mme maiteko a bone a iteile sefololetse ka ba nna ba baakanya ka fa, ebe go senngwa gape ka fa.

O ile a tlhalosa fa kompone e ne e abetswe madi go baakanya dipompo tse di senyegileng mme madi ka bontsi a feletse mo kgaolong ya Nkange ka ke yone e e nang le dipompo tse dintsi tse di senyegileng.

Rre Mooka o ne a supa fa mo mading a ba neng ba a abetswe a didikadike tsa Pula di le lesome le bobedi, go baakanya dipompo tseo, kgaolo eo e dirisetse madi a didikadike di le nne tsa Pula mme a tlhaetse tiro e e se e wele. A re ba thusa dikgaolo tsa botlhophi di le nne, mme a gatelela ka gore ga ba na go tswelela ba baakanya gape dipompo tseo.

Rre Mooka o ile a dumela fa diphaephe tsa metsi di nna di thubega, mme a re seo se dirwa ke gore batho ba ne ba reka dithoto tse di senang boleng, ka jalo di thubiwa ke bokete jwa metsi.

O tsweletse a bolela fa ba santse ba na le kgwetlho e tona thata ya go gokelela metsi mo malwapeng, mo go santseng go na le baikopedi ba ba makgolo mane ba santseng ba emetse go gokela metsi mo malwapeng.

A re ka kgang ya go sielwa metsi a a tswang letamong la Ntimbale, tiro ya teng e santse e tshwerwe ke letlhoko la madi, mme fa madi a bonala e tla dirwa ka moalo o setse o dirilwe.

O boletse fa selelo sa banni ba kgotla ya Timbi kwa Tutume ya letlhoko la metsi e tla arabiwa ka batla sielwa metsi go tswa kwa Matobo.

E ntse e le mo bokopanong jo, Raboipelego wa Tutume, Rre Mothusi Rebakgosi o ne a kopa baeteledipele bao ba maphata go rotloetsa badiri ba bone ba ba nnang mo matlong a komiti ya motse ya ditlhabololo go duela matlo ao.

Rre Rebakgosi a re dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse tsa kgaolo ya Nkange di dira sentle thata ebile di setse di itiretse mananeo mangwe a a tsenyang madi ko ntle ga a matlo.

Rre Batshu o ile a akgola koporase ya motlakase, a re e dira tiro ya yone ka manontlhotlho gape e rerisanya le setshaba. BOPA

Source : BOPA

Author : Tebogo Buyendasi

Location : TUTUME

Event : Phuthego

Date : 19 Jan 2015