Lekang methale e mengwe ya kgwebo
19 Jan 2015
E re le ntswa go itsege fa leruo e le Setswana e bile e le ngwao go tswa gole, Batswana ba rotloeditswe go ikopela dikopo tsa dikgwebo tse di farologanyeng mo lenaneong la nyeletso lehuma.
E rile a bua mo bokopanong jwa dikgosi, dikgosana, makhanselara le dikomiti tsa motse, mmaboipelego Mme Tshireletso Thobega a ka ya fa bontsi jwa batho mo kgaolong ya Letlhakeng e le ba ba ikopelang kopo ya leruo la dipodi.
O kaile fa kopo ya thuo ya dipodi e le yone e leng ntsi kwa ofising ya bone mme a tlhalosa fa go kailwe fa dipodi tse di rekelwang baikopedi di le palo potlana kwa di rekwang teng mo kgaolong ya gagwe ka jalo go tsaya lebaka le le leele gore baikopedi ba kgone go di bona.
O tsweletse a tlhalosa fa puso e ntshitse dikopo di ka tshwara masome a le mane gareng ga tsone a nankola go ikopela kgwebo ya go tlhatswetsa batho,go thula ditshipi go apaya,go rua dinotshe go rekisa mamepe le dipoto tse di maoto mararo tsa setso.
Are gareng ga tsotle tse di fa godimo,baikopedi ga ba di kgatlhegele ka jalo ba batlana le thuo ya dipodi fela mme are o ba gakolola go tsaya dikgwebo tse dingwe ka tsone di le bogadi bo gaufi.
Mme Thobega o ne a tlhalosa fa gape baikopedi ba ikopela dikopo tse ba senang tsone mme ba tlaa dira gore ba lemotshe puso ka dikopo tse ba di kopang mme ba sena tsone mo lenaneong la Nyeletso Lehuma.
O ne a gape a tlatsa ka go kopa botlhe baikopedi go tsaya dikopo tsa bone ka tlhwaafalo ka e le tsone di ka ba jesang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moses Mokoanene
Location : LETLHAKENG
Event : Bokopano jwa bogogi jwa motse
Date : 19 Jan 2015






