Breaking News

Leroo la tau le bonywe kwa Botalaote

19 Jan 2015

Banni ba Botalaote le metse e e mabapi ba gakolotswe go nna keletlhoko ka dinako tsotlhe morago ga gore go bonwe motlhala wa tau gaufi le motse oo.

Go ya ka mogolwane wa ofisi ya lephata la diphologolo le makgabisa-naga kwa Masunga, Rre Tshegofatso Galeboe, motlhala oo, o ba o begetsweng ke rre mongwe mo mosong wa Labone go bonala e le wa tau e namagadi le ditawana tse pedi.

Rre Galeboe a re e ne ya re ba amogela pego eo, ba ragogela kwa motseng wa Botalaote go e rurifatsa mme ka boammaaruri ba lemoga fa tota e le motlhala wa ditau, mme go supagala fa di fetile mo lefelong leo mo bosigong jwa Laboraro.

A re le fa go ntse jalo, ga go ise go nne le pego epe ya tshenyo e e ka tswang e bakilwe ke tau eo. Fa a tshwaela mo go reng dipego tsa motlhale oo di atile go le kae mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Galeboe o kaile fa tota di se kalo.

Mme fela a supa fa e ne yare ka ngwaga wa 2011, ba ne ba amogela pego ya go bonwa ga motlhala wa ditau e ntse e le kwa motseng wa Botalaote.

O boletse fa ka bolesego go ne ga seka ga latela dipego dipe tsa tshenyo ya ditau tseo mme o tlhalositse fa ngogola gone ba ne ba amogela pego ya tau e e neng go bolelwa e apesitse banni ba motse wa Patayamatebele kobo ka letshoba.

Rre Galeboe o ne a supa fa ofisi ya bone e ne ya amogela dipego tse tsa tshenyo ya tau eo tse di neng di akaretsa go bolawa ga dikgomo le ditonki.

O boletse fa kgaolo ya Bokone Botlhaba e se kgaolo e e nang le ditau ka tlholego, mme o tlhalositse fa mo nakong eno lephata la bone le sena kitso ya gore ditau tse ba ntseng ba di begelwa tse di ka tswa di tla di tswa kae.

Le fa go le jalo, o ikuetse mo setshabeng go nna podi-matseba go tila bo madimabe jwa go ka tlhaselwa ke dibatana tseo.

Rre Enock Botlhoko, yo o boneng motlhala oo wa tau le ditawana gaufi le motse wa Botalaote, a re o bone motlhala oo fa a ne a ya kwa tshimong mo mosong wa letsatsi la Labone.

O supile gore e re ka jaana a kile a nna kwa mafelong a a nang le ditau, o ne ka bofefo a lemoga fa e le motlhala wa tau le ditawana mme a begela ba ofisi ya diphologolo le makgabisa-naga. Rre Botlhoko le ene o ne a supa fa mo nakong eno go ise go utlwalelwe tshenyo epe e e ka tswang e bakilwe ke ditau tseo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : MASUNGA

Event : Potsolotso

Date : 19 Jan 2015