Go nyelela ga batho go tshwenya banni
19 Jan 2015
Banni ba kgotla ya Goo-rra Sebego kwa Kanye ba boletse fa ba tshwenyegile thata ka go nyelela ga batho mo kgotleng ya bone.
Banni ba ikuetse jalo mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile. Mongwe wa banni ba kgotla eo Rre Ketumile Kaboyamodimo o kopile puso go tsenya leitlho le go dira molao o o ka thusang mo diemong tseo.
O boletse fa go nyeletse batho ba le mmalwa mme lefa ele sefifi tsa bone di sa bonwe, fa yo mongwe wa bofelo a bonwe a tlhokafetse mo molapong kwa Molapowabjang bosheng. O boletse fa mapodisi a tshwaragane le bothata ka bosupi jo bo sa bonaleng.
Mo go tsedi dingwe, banni ba boletse fa borukutlhi mo kgotleng ya bone bo feta jwa mafelo a mangwe. Ba boletse fa borukutlhi jwa go itseela dikobo ka dikgoka, bogotswanyana le dintwa di sa ba jese diwelang.
Ba boletse fa go tlhoka ditsela tsedi siameng fa mapodise a ka fetang teng a disitse kgaolo di maswe ebile ba palelwa ke go tsamaya teng.
Ba boletse fa go tlhoka dipone tsa mekgwatlha le tsone di na le seabe ka gore ga diyo go bonesa mekgwatlha gore magotswana a lekang go senya.
Mo go tse dingwe ba ngongoregile ka bogodu ja leruo le dikgomo tsedi gobeyang mo Kanye di senya ditlhare tsa batho tsedi lemilweng mo malwapeng.
Bangwe bare ba sebete se molangwana ka babereki ba Ipelegeng ba bareng ga ba dire tiro ka bonatla mme ba hile tshwene marapo fela, ba tlhola ba ntse ka fa tlase ga ditlhare tsa meriti mme ga ba kgalemelwa ke bagolwane ba bone ba nna bogale thata.
Ba boletse fa ditiro di saletse ko morago thata mo ebileng dingwe tsa tsone madi a boela ko pusong.
Ba komiti ya ditlhabololo tsa motse mo kgotleng eo ba kopile kokelwana ya bone e tsholetswa go nna le pelegisetso, ba kopa gore ba direlwe poso, ntlo lohalahala le dipone tsa mekgwatlha.
Se sengwe banni bangwe ba ngongoregile ka mokhanselara wa bone gore ga a ke a bitsa diphuthego le fa e le go tsamaya le mopalamente.
E ne erile gole pele mopalamente Kesupile a bolela banni ka VAT, e a boletseng e tla ntshiwa mo dijong dingwe gore Batswana ba seka ba babalelwa ke ditlhwatlhwa.
O amile gape ka gore puso ya re ga gona ngwana yo tla ganelwang ka setlankana fa fetsa sekole ka gore o a kolota, a re sekoloto se tla batliwa mo motsading wa ngwana.
O ne gape a tsaya megopolo le dikopo go isa ko bokopanong ja palamente ee tlang ya madi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 19 Jan 2015






