Khan o ngongoregela ditlhabololo
19 Jan 2015
E rile bosheng Mopalamente wa Molepolole Bokone, Rre Mahommad Khan, a supa fa a tshweneyegile ka go bo Molepolole e le motse o motona go feta metse yotlhe mme o le kwa tlase ka ditlhabololo.
Mo phuthegong e e neng e tshwaretswe kwa kgotleng ya Borakalalo, Rre Khan o ne a fa sekai ka gore Molepolole ga a na lekalana la ditima molelo. Tebang le se, mopalamente o ne a tshepisa morafe fa a tlaa isa matswhenyego a ko palamemteng gore matona a a lebaneng le ditlhabololo ka go farologana a diragatse se se tshwanetseng.
O ne a tshwaela tiro ele nngwe ea setseng a kgonne goe dira ya go buwa le ba lephata la botsogo go thusa sepatela sa Scottish Livingstone ka dikobo, materase le di shiti, se mme go tlhalositswe fa se lopa madi aa kana ka didikadike tsa dipula dile tharo. Mopalemente o tlhalositse fa ane a tshwaraganetse puisano e le Dr Tlamelo Mmatli yo e leng Mopalamente wa Molepolole Borwa.
Mopalamente one a kopa sechaba gore fa gona le matshweneygo ba phuthuloge goa buwa, bogolo jang mo bodireding gore dilo ditle di tsamaisiwe ka tsela ee siameng. One a leboga ba komiti ya ditlhabololo tsa magae ( Village Development Committe) gobo ba ntse ba mo lekodisa ka gore tiro ya bone mo kgaolong e tsamaya jang.
Rre Khan one a kopa sechaba go itse gore ba tshwanetse go nna le seabe mo ditlhabololong tsa motse ba ikopantse le bodiredi jwa puso ka ga farologana ga mmogo le Kweneng District Council.
One a tshwaela gore banni ke bone matlho ago ka itse gore ditlhabololo le ditlamelo di tlhaela hakae mo motseng.
Mogo tsa thuto, motlotlegi Khan one gape a supa faa tshweneyegile ka maduo a sekolo sese golwane sa Kgari Sechele aa nnang ale ko tlase, se tsaya maemo a bomasome a mabedi le borobabobedi ntswa dikolo tse dikgolwane tsotlhe mo Botswana di le masome a mararo le bobedi, jalo se ele maduo aa kwa tlase tota.
One a supa fa a setse a nnile le bokopano le bagokgo ba dikolo go bona gore matsapa dia tsaya kae maduo mo dikolong ale ko tlase jalo a santse a tsweletse le dipuisano tse a tshwaragnye le dikgosi. O buile gore batsadi ba tshwanetse ba supa kgatlhego lego nna le seabe thutegong ya bana ba bone. Mopalamente o gwetlhile dikgosi le baruti go thusa go busetsa banana mo sethong.
E rile aa fa tekodiso ya tsa komiti ya twantsho borukutlhi ( Cluster Policing) modulasetilo wa wa komiti Rre Tshokodiso Keitlhokile a kaya fa e rile mafelong a ngwaga gotswa ka kgwedi ya Phalane go tsena ya Sedimonthole, bane ba nna le lenaneo lago tsenelela dipuisano le banana ba Borakalalo goba gakolola go ikgapha mo borukutlhing.
Rre Keitlhokile o kaile fa dipuisano tse dine tsa batswa mosola ka gone ka seka ga gatisiwa dikgang dipe tsa borukutlhi ka malatsi a boitapoloso. One a leboga le batsadi ba banana gore bane ba tshwaraganetse tiro le bone a bowa aba gwetlha go tswelela ba thusa bana ba bone go ikgapga mogo tsa borukutlhi. Mongwe wa banni ba Borakalalo Rre Gape Kehaletse, e rile a ntsha la gagwe a buwa fa sekolo sese botlana sa Borakalalo setlhaelelwa ke matlo a borutelo le gore baeletsa gore tsela ee tsamaelang kwa mabilteng e tshelwe senkontere.
Monni yo mongwe Rre Tshwaragano Motswagole one a tshwaela fa ditsha tse disha tsa kgotla ya Borakalalo di tlhaelelwa ke metsi le gore o kopa gore dikgang tsa palamente di boele go balwa mo seromamoweng gape.
Banni bane ba ikuela fago sale gotwe gotlaa nna le dimpopo tsa kgopo ya metsi aa leswe le gore sekontere se sesha mo kgaolong ya bone sea tshutsuma ebile sea ngaporologa . E rile aba kgwa dikgaba moeteledipele wa kompone ya Estates Construction Rre Issac Rasesia ee le yone e agang maemelo a dipalamo, a tlhalosa fa ba etse seemo tlhoko ebile batlaa se tsibogela.
Mopalamente o ne a araba ka gore seemo sa tlhaeolo ya metsi se etswe tlhoko ebile semo lenaneong la go baakanngwa. O ne a tlhalosa gore ka lenaneo la kgopo ya metsi lele mo tsetlaneng ya ditlhabololo ya NDP10 lea rulaganyediwa ka jaana le batla madi a mantsi ka gore metse mengwe emo mantsweng jalo matlo mangwe aa go babaellwa fa lenaneo le dirwa,jalo go tlhoka madi a ditlamorago tsa teng.
Mopalamente o kopile dikgosi go nna di ntse diba gakololola ele mapalamente le makhanselara mogo tse di tlhokegang go dirwa mo motseng. O kopile sechaba go nna ba akgola puso fae dirile sentle le go bereka mmogo go sena nyenyafatso le tlhaolele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thandie Keitumetse
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego ya khansele
Date : 19 Jan 2015






