Go betsa ga go thuse
19 Jan 2015
Kgosi Ramosenyi Radipitse wa Tonota e rile bosheng a atlholela Boipelo Kebadirile wa dingwaga tse di masome a mararo le borataro dithupa di le supa morago ga go mmona molato wa go betsa a bo a raga mokapelo wa gagwe Mme Kedibonye Gosetsemang wa dingwaga tse di masome a mabedi le bone.
E rile a rola tsheko mo lekgotleng, Kgosi Radipitse a tlhalosa fa e rile kgwedi ya Sedimonthole e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bosupa, mosekisiwa Kebadirile le Mme Gosetsemang ba tlhoka kutlwisisano.
A re mme Kebadirile o ne a betsa Mme Gosetsemang ka magofi le go mo raga ka ditlhako kwa lelwapeng la gagwe. Go bolelwa fa baagisanyi ba mosekisiwa ba ne ba thusa go fedisa titeo eo mme morago moikuedi a ya go ikuela kwa lekgotleng.
Kebadirile o ne a ipona molato mme a ikopela mo pele ga lekgotla gore a seka a ya kgolegelong ka gonne mokapelo wa gagwe, ebong moikuedi a le moimana o ka fa tlase ga tlhokomelo ya gagwe. O ne a tlhalosa gape gore o tlhokometse batsadi ba gagwe le kwa masimong.
Kgosi Radipitse o ne a bona fa mosekisiwa a tshwanelwa ke go gamolwa phogwana ka a ne a sena tshwanelo ya go betsa motho mme ebile a le mo mmeleng.
Mo tshekong e nngwe, borre bangwe ba le babedi ebong Julius Kekgethile le Mpho Kekgethile ba ne ba bonwa molato wa go tlhapatsa Rre Leburu Moesi morago ga gore a ba bolelele fa a ka seka a kgona go ba pega mo koloing ya gagwe jaaka fa ba ne ba kopile.
Erile a rola tsheko, Kgosi Radipitse a bolela fa tiragalo e e diragetse ka letsatsi la go ipelela botsalo jwa Morena mme e diragalela kwa kgaolong ya Gulushabe kwa go neng go tshwaretswe mmino wa dikhwaere teng. Basekisiwa ka bobedi ba ne ba seka ba ipona molato mme ba tlhalosa fa ba ise ba tlhapatse Rre Moesi.
Morago ga gore basupi ba mongongoregi le basekisiwa ba ntshe bosupi, kgang e ne ya wela basekisiwa mme ba kgwathisiwa dithupa tse tlhano mongwe le mongwe wa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Terry Makgoeng
Location : FRANCISTOWN
Event : Tsheko
Date : 19 Jan 2015






