Ba Nkange ba re metsi a letswai
19 Jan 2015
Banni ba kgaolo ya Nkange ba ngongorega ka metsi a a letswai a a tswang kwa didibeng tsa Maitengwe.
Ba ikuetse mo phuthegong ya kgotla, e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa kgaolo yo ebileng e le tona wa tsa pereko le selegae, Rre Edwin Batshu kwa kgotleng ya Magapatona le Nkange botsheng
Rre Seja Somolekae a re ba sa le ba tshephisitswe go sielwa metsi a a tswang Ntimbale mme nako kgolo ke eno. A re koporase ya metsi e imelwa ke tiro ka jalo a kopa puso go busetsa tiro ya go siela setshaba metsi kwa khanseleng bogolo jang metse e mennye, mme koporase yone e siele e metona.
Banni ba ne ba supa matshwenyego ka bonya jo bo tsewang ke koporase ya metsi ya go thiba diphaephe tse di dutlang, ba re motse o fetogile makadiba. Ba ne gape ba lela ka ditlhwatlhwa tsa metsi tse di kwa godimo le tiego ya go gokela metsi mo malwapeng le ditlou tse di ba senyetsang kwa masimong.
Fa ba tsibogela kgang e ba neng ba e beilwe pele ke mopalamente ya go sekaseka molao wa kwadiso ya mekgatlho le makgotlana, bogolo jang e e amang kwadiso ya kereke fa e na le maloko a makgolo a mabedi le masome matlhano, ba ile ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo ka palo eo.
Mongwe wa batsena phuthego, Rre Bernard Shobo o ne a re molao oo o tlaa baakanya dilo di le dintsi fa dikereke di ka sala morago ditsetlana tsa one ka Batswana ga ba a bolo go jewa ntsoma ke dikereke tsa batswakwa tse di tsayang ditshwanelo tsa bone di ya go di itirisetsa kwa mafatsheng a bone.
Fa a araba ka matshwenyego a koporase ya metsi, Rre Batshu o boletse fa puso le yone e tshwenyegile ka seemo seo mme a re e leka bojotlhe go araba selelo sa bone.
Mopalamente Rre Batshu o mo loetong lwa kgaolo ya gagwe go ba lekodisa ka tsa palamente e e fetileng le go tsaya megopolo mo bathong go isa kwa palamenteng e e tlang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Buyendasi
Location : TUTUME
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 19 Jan 2015






