Badirelapuso bangwe ba goga dinao mo tirong
19 Jan 2015
Banni ba kgotla ya Herero kwa Mahalapye, ba re e re ntswa Mmuso o dirile mananeo a a ka tokafatsang matshelo a Batswana jaaka lenaneo la batlhoki, lenaneo la LIMID le la Ipelegeng, sebe sa phiri Batswana ba kgoreletswa go akola mananeo ao ke badirelapuso ba go lebegang ba itsapela go thusa batho jaaka ba laetswe.
Ba boleletse mopalamente wa bone Rre Joseph Molefhe mo phuthegong ya kgotla gore batho ba le bantsi ba e leng batlhoki mo Mahalapye ba rontshiwa tshwanelo ya go akola dithuso tsa mmuso di tshwana dijo tsa mophako, dihutshane tse di neelwang batho ka lenaneo la LIMID le go tlhoka go hirwa ka dipalo tse dintsi mo lenaneong la Ipelegeng.
Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolwana ya Mahalapye legare Mme Eva Dipogiso, o boleletse mopalamente gore e re ntswa dikomiti tsa ditlhabololo e le tsone di neilweng boikarabelo jwa go tsamaisa ditiro tsa metse ya magae le go sekaseka Batswana ba eleng batlhoki,o swabisiwa ke badiri ba lephata la boipelego ba e ya reng ba neetswe maina a batho ba e leng batlhoki ba ganane le tshekatsheko ya bone ntswa batho ba go nna jalo go sena se ba itshetsang ka sone.
Mme Dipogiso o kopile mopalamente go kgothakgotha badiri ba khansele ya kgaolo potlana ya Mahalapye, segolo jang ba lephata la boipelego le ba ba tsamaisang lenaneo la Ipelegeng go seka seka go oketsa dipalo tsa badiri ba Ipelegeng mo kgaolwaneng ya Mahalapye Legare ka jaana kgaolwana eo e na le dikgotlana tse thataro e bong Herero, Borotsi, Konyana,Mahalapye Bophirima,
Dilaene 1 le Dilaene 2 tse nako le nako di letlelelwang go thapa badiri ba Ipelegeng ba le 141.
Mabapi le gore badirelapuso ba ba tlogelang tiro ka bogodi jaanong ba simile lenaneo la Ipelegeng kwa go intshiwang bodutu teng, Rre Lucas Kahuku o tlhalositse fa go tshelegela ka dipalo tse dintsi ga badirelapuso ba ba neng ba duelwa ka letsatsi go bakwa ke go neelwa dituelo tse di kwa tlase tse e ka reng ba sena go tlogela tiro ba kgona go jesa ba malwapa a bone.
Mongwe wa dibui mo phuthegong eo, e ne e le Rre Joseph Leswenya yo a neng a kopa Mmuso go dira molao o o tlaa tseelang banana ba ba sa tlhokomeleng batsadi ba bone dikgatlo ntswa ba bereka le bao ba ba tsweletseng ka go tshola bana, mme morago ba ba tlogele le batsadi ntswa ba sa kgone go ba tlhokomela.
Rre Leswenya o rile e re ntswa banana bangwe ba kgona go tlhokomela batsadi ka jaana ba bereka, e bile bangwe ba bone ba tsaya madi a dikotlo tsa bana kwa makgotleng a ditsheko, jaanong bangwe ba bone ba ikaegile ka dijo tsa mophako tse di neelwang batlhoki le masiela go otla bana ba bone.
Batho bao, ba ba neng ba itumelela ditiro tse di dirilweng mo kgaolwaneng ya bone ka lenaneo la Ipelegeng di tshwana matlo a a hiriseditsweng badirelapuso le go baakanngwa ga ditsela, ba kopile gore dikatholo tsa bogodu jwa loruo di oketswe go tswa mo dingwageng tse tlhano mo kgolegeleong go ya kwa dingwageng tse di lesome le botlhano mo kgolegelong ka loruo e le lone le Batswana ba ikaegileng ka lone mo botshelong.
Mo diphuthegong tseo Rre Molefhe o ne a ba tlanyatlanyetsa ka melao e e neng ya bewa palamente pele jaaka molao wa go dirisiwa ga diteme tse di farologaneng tsa lefatshe leno mo Seromoweng sa Botswana, o o neng wa seka wa dumelanwa le molao o o neng wa amogelwa ke palamente wa go phimola lekgetho la VAT mo thekong ya dithoto di tshwana sukiri, mashi le theko ya didirisiwa tsa temo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 19 Jan 2015






