Tshipe o ngongoregela ditlamelo
19 Jan 2015
Mothusa kgosi kwa Mahalapye e bile e le leloko la Ntlo ya dikgosi, Kgosi Tshipe Tshipe o ngongoregile ka letlhoko la ditlamelo di tshwana tlhaelo ya bodiredi, tlhaelo ya boroko jwa bodiredi jwa makgotla a Setswana, tlhaelo ya diofisi gammogo le le tlhaelo ya dipalamo.
Kgosi Tshipe o ntshitse ngongorego ya gagwe mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa Mahalapye Bophirima Rre Joseph Molefhe e mo go yone a neng a lekodisa batlhophi ba kgaolo ya gagwe ka dikgang tse di buisantsweng mo phuthegong e fetileng ya palamente le go tsaya megopolo go e isa kwa phuthegong e e tlang ya palamente.
A re e re ntswa lephata la tsamaiso makgotla a Setswana e le lengwe la maphata a matona, o swabisiwa ke go bona makgotla a Setswana a santse a saletse morago mo go tlhabologeng ntswa le dira tiro ya go bopaganya setshaba le go somarela ditso le dingwao tsa Batswana ba merafe e e farologaneng.
A re letlhoko la boroko le tlhaelo ya diofisi le dira gore babereki ba makgotla a Setswana ba seka ba dira tiro ya bone ka bokgabane ntateng ya go kopanela diofisi le go nna sentle kwa malwapeng ka jaana bangwe ba bone ba patelesega go kopanela ntlo ya boroko.
Dingwe tse kgosi Tshipe a ngongoregileng ka tsone ke boranyane jwa tiriso ya Gabs jo a tlhalositseng fa bo ise bo tsenngwe mo kgotleng ya gagwe mo go dirang gore batho ba supe lephata la gagwe ka monwana ka go tsaya lobaka ba ise ba kgone go duela batho dituelo tsa bone ntateng ya go tlhoka boranyane jwa Gabs mo kgotleng ya Mahalapye.
Kgosi Tshipe o tsweletse ka go bolela fa dingwe tse di ba tshwenyang e le tlhaelo ya metsi mo Mahalapye, tiego ya go baakanngwa ga ditsela tse di mo motsing le go lekalekanya kgotla ya Mahalapye ka maemo le dikgotla tsa Shoshong,Sefhare, Mookane le Ramokgonami ntswa kgotla ya Mahalapye e le mo motseng o o okametsenbg kgaolo potlana ya Mahalapye jaaka dikgaolo tsa botlhophi tsa Shoshong, Tswapong Borwa, Mahalapye Botlhaba le Bophirima.
E rile motshwarelela modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Rre Goabaone Mompati a bua mo phuthegong eo, a kopa mmuso go sekaseka go baakanya melawana e e tsamaisang makgotla a ditlhabololo le melawana e e tsamaisang lenaneo la Ipelegeng ka jaana go lebega e siilwe ke nako. Rre Mompati a re lefa Ipelegeng e na le melawana ga se gantsi e salwa morago. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ditso Lekoko
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 19 Jan 2015






