Breaking News

Balemi ba Boronyane ba lelela dijwalo

19 Jan 2015

Balemi ba masimo a Boronyane kwa Maun ba lela selelo se se botlhoko ka dijwalo tsa bone tse di tshujwa ke letsatsi le le ntsi.

Mo potsolotsong bosheng, Mme Mophato Dinyando a re o simolotse go lema ka kgwedi ya Ngwanaatsele fa dipula di simolola, mme a re dijalo tsa gagwe di ile tsa ungwa fela thata mo ebileng a setse a simolotse go ja morogo wa dinawa le marotse.

O tlhalositse fa mmidi, mabele le manoko a gagwe a setse a solofetsa gore mo dikgweding tse di tlang o ka kgona go ja le ba lelwapa la gagwe. Mme Dinyando o supile fa letsatsi le phirimisitse ditoro tsa gagwe tsa go roba thobo e ntsi mono ngwaga ka gore dijwalo tsa gagwe di simolotse go omelela ka bonya ka bonya.

“Ke ne ke ikaeletse gape go rekisetsa dikolo mmidi, dinawa le marotse mo kgweding eno e fela mme ka maswabi ga ke na go kgona go dira jalo, mme fela ke tshepha gore ke tlaa kgona go rekisa mo go tlaa falolang letsatsi le,” ga bua Mme Dinyando.

O ne a tswelela ka go tlhalosa fa bontsi jwa bone ba lekile go lema ka nako gore ba kgone go tshwara dipula tsa ntlha le gore dijo tsa bone ba kgone go di rekisetsa dikolo tse di potlana ka nako e ba di tlhokang mo dikolong.

Mme Dinyando o supile fa a ikaelela go itshoka go emela pula kwa masimong a gagwe e bile a kgothatsa balemi ka ene go nna pelo telele go leta mo masimong a bone.

O lebogetse lephata la temo thuo ka lenaneo la ISPAAD go bo le ba file peo ka nako le gone gape e le peo e ba e tlhokang jaaka mmidi, mabele le dinawa, dilo tse a kaileng di le botlhokwa mo botshelong jwa molemi.

Fa a ntsha la gagwe, Rre Olorato Samoxiki wa masimo a Matsaudi le Katamaga a re le bone ba lela ka seemo sa letsatsi le le ntsi le le fisang dijalo tsa bone tse di setseng di ba solofeditse fa di tla kgona go jewa mo dikgweding tse di tlang.

Rre Samoxiki a re o lemile mmidi o montsi le magapu le dinawa tse dintsi mono ngwaga ka maikaelelo a gore a kgone go rekisetsa bana ba sekolo ko dikoleng fela letsatsi ya nna mmaba.

O tlhalositse fa maikaelelo a gagwe e ne le go ntsha thobo e e lekaneng go jesa bana ba dikolo le go bolokela go ja kwa lelwapeng la gagwe.

“Ke solofela fa pula e tlaa tla mo kgweding ya Hirikgong e fela, ka jalo ke santse ke na le tsholofelo e bile ke e letetse gone mo masimong,” ga bua Rre Samoxiki.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keswetseng Samokunda

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 19 Jan 2015