Merafhe o bolokilwe
19 Jan 2015
Matshwititshwiti a batho go tsweng ntlheng tsotlhe tsa lefatshe go balelwa le Tautona Lt. Gen Seretse Khama Ian Khama ba ne ba tshologetse phitlho ya ga mothusa tautona wa pele Lt Gen. Mompati Merafhe kwa Serowe ka Matlhatso.
Dibui ka go farologana di kaile Lt Gen. Merafhe e ne e le moeteledipele wa tlhwatlhwa yo o diretseng lefatshe leno ka botswapelo le bonokopila. Go ya ka ba lwapa la gagwe, Lt Gen. Merafhe e ne e le motho yo o lebole e bile a tsaya mongwe le mongwe ka tekatekanyo.
Rre Maipelo Tshobo yo o kaileng e le malomaagwe Lt Gen. Merafhe, o supile fa a ne a rata bomalomaagwe a sa rate go ka ba katoga, a tlatsa ka gore le lenyalo la gagwe le ne la reriwa mo lwapeng ke bo malomaagwe mme a nyala Setswana.
Rre Tshobo a re Lt Gen. Merafhe e ne e le motho yo o botlhale thata mo a neng a kile a mo makatsa gore o itse go palama pitse a santse a berekela kwa Lobatse, selo se ba neng ba sa se tlwaela kwa gae mo Serowe.
O kaile gape fa Lt. Gen Merafhe a ne a rata go bala, mme e bile a ne a rata go nna a le nosi ka fa tlase ga setlhare a bala dibuka tsa gagwe, a tlhalosa gore padi e ya gagwe e dirile gore e nne se a tlhokafalang e le sone.
O ne a rata go rongwa, go sena tiro epe e e mo palelang e bile a ikaya fa ene e se ‘sekopa’ lefoko le a neng a rata go le dirisa, a re ene o botlhale. Rre Tshobo o tlhalositse gape gore Lt. Gen Merafhe e ne e le motho yo o ratang kagiso a rata go kopanya batho.
“O ne a kopantse Batalaote le Bathene mme botlhe ba le seopo sengwe ka ntlha ya ga Lt. Gen Merafhe, le Batalaote ba kwa motseng wa Mmutlane tota” a tlhalosa.
Rre Barobi Kentshwang le ene o ne a tlhalosa fa Rre Merafhe e ne e le motho yo o tlhaga, ditiro tsa gagwe e le tsa monna tia tota.
Rre Kentshwang o tlhalositse fa Lt. Gen Merafhe a tlhabolotse motse wa Mahalapye o mo bogompienong o tsabakelang ka ditiro tsa gagwe.
A re Lt. Gen Merafhe e ne e le motho yo o lorato, a le senatla, mo a neng e re fa a tshwere tiro a bo a batla go ntsha maduo a a bonalang mme a e amogana le batho a sa ikgagapelele. O ne a tlhalosa fa lorato lwa ga Lt. Gen Merafhe e le ka lone matshwititshwiti a tsileng go mo felegetsa a wets a ka seane sa “Kgobakgoba ya ikgobokanyetsa fa phatlaphatla e iphatlalaletsa.
Fa ba bua ka botshelo jwa ga Lt. Gen Merafhe mo go tsa sepolotiki Rre Joseph Molefe Le Rre Kgotla Autlwetse ba ne ba supa fa e ne e le motho yo o tlhaga e bile a rata tiro e e tswang maduo.
Rre Molefe yo e leng mopalaamente wa Mahalapye East o ne a tlhalosa ka fa banni ba motse oo ba ileng ba itumela ka teng gore le bone ba na le seabe mo moemeding yo wa bone wa pele. Bangwe ba dibui ba ne ba akaretsa tsala ya gagwe Rre Keahe Ramotswiri, Rre Julius Mazweduma le moagisanyi Rre Olebile Gaborone ba botlhe ba supileng fa Lt. Gen Merafhe a nnile le seabe mo matshelong a bone le ene mo botshelong ja gagwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : SEROWE
Event : Tirelo ya phitlho
Date : 19 Jan 2015






