Breaking News

Puso e tshwentswe ke lehuma

15 Jan 2015

Puso e tshwentswe thata ke lehuma le letlhoko la mebereko.

Se se builwe ke mopalamente wa Palapye ebile ele mothusa tona wa thuto le tlhabololo dikitso, Rre Moiseraele Goya fa a buisa phuthego ya kgotla kwa dikgotlaneng tsa Thomadithotse le Khurumela ka Mosupologo.

Rre Goya are Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama o kopile matona a puso le mapalamente gore ba ye go dirisa dikitso tsotlhe tsa bone go bona gore go ka lwantshiwa lehuma le letlhoko la mebereko jang.

Rre Goya o kopile sechaba gore se tshwaragane le puso go lwantsa kgwetlho e e apereng lefatshe leno ya lehuma le letlhoko la mebereko. A re fa ba ka kopanya ditlhogo ba akantshana go dira metlhale ee maleba ya go lwantsha lehuma le letlhoko la ditiro ba le mowa mongwefela go ka ba tswela mosola.

A re dikgwetlho tse dingwe tse puso e ikaeletseng go di lwantsha ke gore ngwana mongwe le mongwe a bone thuto, go rurafatsa gore kalafi ya thibelo mogare go tswa mo go mmangwana goya kwa leseeng e diriwa go tlhwaafetswe ga mmogo le go lwantsha tshenyetso sechaba.

A re ba dirile molao kakanyetso wa go emisa lekgetho la dithoto mo dijong tse di tshwanang le maungo le merogo.

Erile a bua ka se a se biditseng go runya ga dikereke ga malatsi o tlhe mo go bakiwang ke go tlhoka tlhompho le kutlisisano ga maloko a dikereke, a re puso e bone gore e lwantshe seemo se ka go dira gore kereke e kwadisiwe fela fa palo ya maloko e le 250 kana go feta.

Palamente e atolositse lenaneo la ditlhabololo la bo lesome le motso (NDP11) lele neng le tshwanetse go fela ka 2016 gore jaanong le e go fela ka 2017.

Mopalamente o kopile makhanselara a kgaolo ya gagwe gore ba ye go simolola tiro e ba e rumilweng ke sechaba ka mashetla.

Are ba etele dikompone tse di hirang go bona gore a ba hira sentle go sena kgethololo e go tweng ba kgona gotla ba hirile babo ba sa hire banana ba motse wa Palapye.

Orile a bua ka Ipelegeng are go setse go nale dingongorego tse dintsi mo sechabeng bare babereki ba ipelegeng ga ba bereke ba tlhola ba ntse fela mo meriting, a kopa gore boeteledipele jwa bone bo emele bothata joo ka dinao, are go dira jalo ke tshenyetso sechaba ka gore batho bao ba duelwa basa bereke.

Mokhanselara wa kgaolo ya Morupule Rre Jordan Makhura orile a bua ka matshwenyego a kgaolo ya gagwe are ga bana ditlamelo mo kgaolong ya bone ba tshela ka go di latela kwa dikgaolong disele jaaka kokelwana, sekolo le tse dingwe.

Orile a bua ka motse wa Palapye are bone ele boeteledipele jwa motse wa Palapye ba tsere tshwetso ya gore motse o o fetolwe gonna toropo, are o ba gakolola gore fa o nna toropo jalo ba solofele gore go a go nna le dikgwetho tse dintsi.

Fa kwa kgotleng ya Khurumela gone mokhanselara wa koo Rre George Makhura a tlhalosa fa ba tshwenngwa ke gore ditsela tsa bone ga di a siama are gape ba kopa gore tsela ya bone e tona e tsenngwe dipone.

Mothusa mokwaledi wa khansele Rre Goloswang Ramogala o kgalemetse morafe ka fa ba dirang dikgogakgogano ka teng fa go thapiwa badiri ba Ipelegeng le VDC.

A re ga gonne le tlotlo go tlhelele mo go yo a mo tlhophileng gore a ba etelele pele, a tlhalosa fa seo ele sone se se dirang gore go seka ga berekwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Selinah Samson

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 15 Jan 2015